Thoromo e bakile tshenyo
04 Apr 2017
Banni bangwe ba Moiyabana ba setse ka bohutsana morago ga gore thoromo ya lefatshe e e diragetseng ka Mosupologo e tlogele matlo a bone a ranyegile le dikgobalo tse di bakilweng ke letshogo.
Mo Potsolotsong le BOPA kgosi ya motse oo, Rre Gosotwamang Keatshotse a re tiragalo eo, ya ntlha kwa motseng wa gagwe, e ne ya ba tshosa thata ka e le selo se se sa tlwaelesegang. A re e ne ya re morago ga nako ya bosupa ba utlwa sengwe se thunya, fa ba santse ba hakgametse lefatshe la simolola go roroma.
“Ka go lemoga gore ke thoromo ya lefatshe ra tswa mo matlung go tila gore a re wele.” Kgosi o ne a tlhalosa fa thoromo e, e e neng e diragala ka modumo, e ne ya tsamaela kwa bophirimeng jwa motse.
A re o belaela fa thoromo e, e ka tswa e amile moepo wa gase le meraka ya Sandveld.
Kgosi Keatshotse o ne a re mo bogompienong ga ba ka ke ba tlhalosa selekanyo sa tshenyo e e bakilweng ke thoromo e, mme a tlhalosa fa ba setse ba nnile le dipego di le tharo tsa matlo a a ranyegileng.
“E ne ya re re ntse re botsolotsa mo mosong ra lemoga fa bana ba sekole se segolwane sa Mothamo ba gobetse, ka ba ne ba thulana, ba gatana mme bangwe ba segilwe ke diokomela bagwe.Re santse re sa itse dipalo mme re tlaa di itse ka re tlaa lekola motse.”
A re ba dira seo ka ba itse gore bangwe ga ba na go tla go ba begela ntswa se e le sebetso sa tlholego.
Mothusa mogokgo wa sekole se se botlana sa Moiyabana, Mme Onalenna Tonoki, o tlhalositse fa tiragalo e, e ne ya tshosa baithuti, ka jalo ba tshwanelwa ke go ba sidila maikutlo.
E rile maabane baithuti ba hitlhola morago ga nako ya gale ka thoromo e amile ntlwana ya boapeelo.
Bontlha jwa borulelo bo ne jwa wela fa fatshe mme baapei ba tshwanelwa ke go phepafatsa pele ga ba ka simolola go apaya.
Mothusa mogokgo o ne a tlhalosa fa barutabana bangwe ba ne ba nna le dikgobalo tse di potlana jaaka go kgoboga mo go bakilweng ke go wa fa ba sia.
Mothusa moeteledipele wa Botswana Geosciencce Institute, Rre Mojaboswa Koketso a re e ne ya re maitseboa a Mosupologo, ga nna le thoromo ya lefatshe, mme ya re ba sekaseka ba lemoga fa go nnile le thoromo ya lefatshe ya bokete jwa 6.5 mo sekaleng sa Richter.
Rre Koketso o ne a tlhalosa fa boteng jwa yone e le dikhilomethara tse 29.8, mme leitlho la thoromo le bapile le molelwane wa lefelola tshomarelo diphologolo la CKGR.
Mothusa moeteledipele a re ntswa thoromo tsa lefatshe di bakwa ke mabaka a a farologanyeng, e ke ya tlholego fela.
A re thoromo e, ga se ya ntlha ka ba etle ba bone seemo sa go nna jaana kwa Okavango.
Le fa go ntse jalo re tseo di felelala go sa itsiwe ka tsone ka e le tsa bokete jwa 3 mo sekaleng sa Richter.
A re thoromo tse dipotlana di kgona go baka tse di tona.
A re thoromo ya Mosupologo e tona, ke ka moo e neng e lebeletswe ke makalana mo mafatsheng a a farologanyeng jaaka Botswana, Kenya, South Africa, Namibia le Zimbabwe ka ba dirisana.
Rre Koketso o ne a tlhalosa fa thoromo e, e amile Botswana jotlhe le mafatshe a a mabapi.
O tlhalositse fa ba saletse kwa morago mo selekanyong sa tshenyo e e bakilweng ke thoromo ntswa ba setse ba utlwa dipego dingwe tse di tlhokang go rurifadiwa.
A re thoromo ga e a tlwaelesega e bile ke selo sa tshoganyetso, a re go tsaya dingwaga pele e ka diragala.
Rre Koketso o ne a re fa thoromo e diragala go nna le dikgobalo tse di bakwang ke go sa itse gore motho a dire eng, a re gantsi batho ba gobadiwa ke go sia.
A re thoromo e tsaya metsotso, ka jalo fa e diragala batho ba tshwanetse go ema.
Fa go na le tafole motho a tsene ka fa tlase ga yone gore a seka a welwa ke dilo.
Fa motho a le mo tlung o tshwanetse go itsheega ka lebotana, a re go dira jalo go ka babalela motho.
Tiragalo ya mofuta o, e diragetse lwa bofelo ka 1952 kwa Maun, e le ya bokete jwa 6.7 mo sekaleng sa Richter. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 04 Apr 2017






