Breaking News

Banana ba Tshwaane ba ikemela ka dinao

09 Jan 2013

Bana ba Tshwaane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ikopantse go intsha mo mebileng.

E rile a bua mo potsolotsong, kgosi, Rre Othusitse Sengawane, a tlhalosa fa a itumelela se banana ba motse wa gagwe ba se dirang ka e le bontlha bongwe jwa go nna le boikarabelo mo setshabeng.

O tsweletse ka go tlhalosa fa ba ikgapha mo mekgweng ya mebila jaaka go nwa bojalwa phetelela le go dirisa diritibatsi.

Moemedi wa setlhopha sa banana ba ba ipitsang Super Kings, Mme Keitshepile Mochelele, o tlhalositse gore setlhopha sa bone se kgaogantswe gabedi ka khwaere le setlhopha sa kgwele ya dinao, a tlhalosa fa ba dira madi ka go ntsha disana mo masimong a batho le go foromela ba ba tlhokang thuso gore ba tle ba bone thebenyana ya go tsamaisa mokgatho wa bone.

O tsweletse ka go tlhalosa fa dikgwetlho tse ba nang le tsone e le go tlhoka sepalamo fa baya dikgaisanong tse di kgakala.

O feditse ka go kgothatsa banana go itse fa e le bone bagogi ba ka moso ba lefatshe leno mme ba ikgaphe mo go nweng majalwa phetelela mo go felelang go baka tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang go bo go nna le boimana  jo bo sa tlhokafaleng le gone go tsenwa ke megare ya malwetsi a a farologaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 09 Jan 2013