Banana ba UCCSA ba tsibosa ka mogare wa HIV
04 Apr 2017
E ne ya re bosheng banana ba kereke ya UCCSA kwa Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba tshwara moletlo wa dijo tsa maitseboa e le tsela nngwe ya go gasa molaetsa wa mogare wa HIV mo bananeng ka bone.
Mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo, modulasetilo wa banana ba, Rre Teko Chimbombi o boletse fa le bone ba ne ba bona go le botlhokwa go isa molaetsa, bogolo jang mo bananeng ka e le bone gantsi ba amegang mo go tsenweng ke mogare wa HIV.
Rre Chimbombi o boletse fa maikaelelo magolo a bone e ne le go ruta le go kgothatsa banana ka bone go tsaya boikarabelo mo botsogong jwa bone gore ba tle ba kgone go tshela ba itekanetse ka jaana kgwedi ya Mopitlo e ne e le kgwedi ya banana kgatlhanong le mogare HIV.
A re ba ne ba itemogela fa mo gongwe ba latlhegelwa ke bangwe ba banana mo dikerekeng ka lebaka la go tlhoka kitso le thuto ka mogare wa HIV mme ba felele ba tlhokafala.
A re dikereke di tshwanetse go ema ka dinao go gasa molaetsa wa tsa botsogo mo setshabeng ka e le lone lefelo le bontsi jwa batho bo kopanelang kwago lone ka puso e ka seke e kgone e le nosi, a tlatsa ka go re banana ke bone bagogi ba diphuthego mo isagong.
Are tiro ya bone e ne ya atlega ka go le pele ba ne ba rekisa dithekethe tse di dirileng P6 400, a kaya fa e ne e tshologetswe ke baeteledipele ba metse ba akaretsa dikgosi, baruti, batsadi le bontsi jwa banana go tswa Kokotsha, Werda, le Draihoek.
Rre Chimbombi o boletse fa madi ao ba tlaa a abela kereke ya Makopong.
O kaile fa gape molaetsa wa bone o ne o itebagantse le go tsibosa banana mabapi le go nwa bojalwa phetelela ka ditshekatsheko di supile fa dipalo tsa banana di le kwa godimo thata fa go tshwantshwangwa le tsa bagolo tse di felelang di baka dikgobalo tse di masisi le dintsho.
Modulasetilo a re moono wa banana ba UCCSA kwa Makopong gape ke go tswelela ba rerela banana lefoko la modimo ka poifo modimo e le tshimologo ya botlhale, ka seo gape se ka tsisa pharologanyo mo matshelong a bone le gone go tila go inaakanya le tse di isang timelong.
Rre Chimbombi o boletse fa ba ikaelela go tshwara bokopano joo ngwaga le ngwaga e le maiteko a bone a go tsibosa banana le setshaba ka kakaretso ka mogare wa HIV mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
Le fa go ntse jalo, mooki go tswa kwa kokelong ya Makopong, Rre Kelebaone Kgositau o ne a tlhalosa fa bontsi jwa banana kwa motseng oo ba tsibogela botsogo jwa bone ka go itseela dikgato go ya go itlhatlhobela mogare.
Rre Kgositau o ne a tlatsa ka go supa fa bangwe banana ba ba iphitlhelang ba na le mogare ba tsenelela lenaneo la diritibatsi le gore ba nwa dipilisi tsa ARV ka fa go sa tshwanelang ka teng.
Setlhogo sa letsatsi leo e ne e le A Re Kopaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MAKOPONG
Event : Potsolotso
Date : 04 Apr 2017






