Breaking News

Ramokate o abela sekole

04 Apr 2017

E rile ka  2012 Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a dira kopo ya gore dikhamphani ka le Batswana ka kakaretso ba  tsenye letsogo mo go thuseng dikole.  

Se se direlwa go imolola puso morwalo, mme ka jalo kopo ya gagwe go lebega e atlega e bile e tswa maduo.

Rre Kago Ramokate wa Makaleng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, yo e bileng e le mokwaledi mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, o abetse sekole se segolwane sa Pelaelo kapari le didirisiwa.

Didirisiwa tse di akaretsa dikgwele di le masome mabedi le botlhano tsa metshameko ka go farologana, kapari ya kgwele ya dinao ya basetsana le ya basimane le didirisiwa tse dingwe tse gantsi di dirisiwang ka nako ya ikatiso.

Fa a rola didirisiwa tse, Rre Ramokate o tlhalositse fa metshameko e le botlhokwa thata mo matshelong a segompieno, ka jaana e ka tlhamela baithuti ditiro.

O ne a fa sekai ka sekgantshwane se se tsweletseng ka go dira ka bokgabane mo go tsa merero ya metshameko, yo e bileng e le moagisanyi wa bone go tswa kwa Marobela, Nijel Amos.

O tlhalosa gore o kgonne jalo ka go kopa dithuso go tswa kwa dikhamphaning ka go farologana.

Ntswa dikgwetlho di le teng, o supile fa dithuso tsa gagwe di tlaa seke di felele foo, a itlama fa a tlaa tswelela a dira maiteko a go thusa ka fa a ka kgonang ka teng.

“Ke solofela fa se ke se setseng se, se tlaa dirisiwa sentle e bile se tlaa le solegela molemo le gone go le fa katlego mo metshamekong,” ga bua jalo Rre Ramokate.

Fa a amogela didirisiwa tseo, Mogokgo Boyinyana Sewela o boletse fa sekole se se tsweletse ka go dira sentle mo dithutong le mo go tsa metshameko, a tlhalosa gore fa e sale go simolola ka 2012 go fitlhela 2016 sekole se se ntse se dira sentle mo go tsa thuto ka e le yone konokono.

Rre Sewela o supile fa didirisiwa tse di tla ka nako e e maleba ka jaana nako ya metshameko e gorogile.

A re e re le mororo se ba ntseng ba ikatisa ka sone se ba tlodisitse melatswana e tletse mo e bileng ba alositse dialogane tse mo nakong eno di tshamekang kwa mafatsheng a akaretsa Zimbabwe le Slovakia, o solofela fa tse di tlaa ba solegela molemo le go feta le gone go oketsa palo ya batshameki e ba ntseng ba na le yone.

Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa tsa thuto mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Angela Matlhape o tlhalositse fa dithuso di tshwana le tse di thusa puso, ka e ka seke e kgone e le nosi go rwala boikarabelo jwa go ntsha tsotlhe tse di tlhokwang.

O ne a digela ka go kopa Batswana ka kakaretso go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ditiro Kebapetse

Location : MASUNGA

Event : Kabo dimpho

Date : 04 Apr 2017