Mogolwane o rera thwantsho borutkutlhi
04 Apr 2017
Mogolwane wa marekisetso a Sefalana mo Bobonong o gakolotse dikomiti tsa twantsho borukutlhi tsa kgaolo ya Bobonong go tswelela ba tshwaraganetse tiro le mapodisi.
Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a mantle a ngwaga wa 2015/16 a dikomiti tsa District Number 10 go bo di dirile sentle, Rre Koolebogile Seipone a re go botlhokwa gore setshaba se thusane le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
Rre Seipone a re go botlhokwa gore setshaba se thusane le mapodisi gore go somarelwe dithuto.
A re go tlhoka go thusa mapodisi go oketsa borukutlhi.
A re batho ba tshwanetse go itse ba ba bapileng le bone gore ba kgone go lwantsha borukutlhi.
Rre Seipone o kgothaditse dikomiti tseo tsa Lepokole, Borotsi, Molalatau, Bobonong Legare, Bobonong Bophirima , Bobonong Botlhaba le Bobonong Borwa Botlhaba go tswelela ba dira sentle le go lwela gore dikgele le dietsele tse ba di gapileng di seka tsa tsewa ke dikomiti tse dingwe.
A re go gapa dietsele go supa fa dikomiti tse di itomile molomo wa tlase go lwantsha borukutlhi.
Mookamela mapodisi a Bobonong, Superintendent Paul Seoko a re tiro e ne e diretswe go leboga dikomiti tseo tse a supileng fa dingwe mo go tsone di ikgapetse dietsele tsa komiti e e dirileng sentle, ya morafe (community award) le ya tona (ministerial award).
Superintendent Seoko a re dikomiti tse borukutlhi di ne tsa simolodisiwa morago ga go lemoga fa mapodisi a le palo potlana mme seo e le go a thusa go lwantsha borukutlhi.
A re diofisi tsa sepodisi mo Botswana di masome a supa le bobedi kgotsa go feta mme dikomiti tsa Bobonong mo District Number 10 di ne tsa dira sentle, a supa fa tsa Borotsi, Legare, Bobonong Borwa Botlhaba le Bobonong
Bophirima di ne tsa tsaya maemo a boraro mo seetseleng sa go dira sentle le go ikgapela P1 500.
Superintendent Seoko a re mo seetseleng sa go direla morafe ka boineelo, Bobonong Legare, Borotsi le Bobonong Borwa Botlhaba di ne tsa gapa maemo a ntlha mme tsa ikgapela P2 000 fa Bobonong Borwa Bophirima e ne ya gapa maemo a bobedi mme yone ya ikgapela P1 500.
A re mo ngwageng wa 2015/16 borukutlhi le jone bo ne jwa wela tlase. Superintendent Seoko a re mo melatong ya go kgothosa ka dikgoka ka 2014 ba ne ba gatisa e le lesome le bongwe fa ka 2015 ba ne ba kwadisa e supa.
Ya go thuba matlo ba ne ba kwadisa e le masome a mane le bongwe ka 2014 fa ka 2015 e ne ya nna lesome le borataro, fa ya go thuba matlo bosigo ka 2014 e ne e le masome a mararo le bone fa ka 2015 e le lesome le borobabobedi.
Superintendent Seoko a re ya go thubetsa le go leka go thubetsa ka 2014 e ne e le masome a mararo le bone fa ka 2015 e ne ya nna masome a mabedi le bongwe, ya bogodu jwa leruo ka 2014 e ne ya nna masome a matlhano le borobabobedi fa ka 2015 e le masome a mabesi le borataro.
Superintendent Seoko a re dipalo tse di wela tlase ka gore bontsi jwa borukutlhi ba tsibosiwa ke dikomiti tse.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa dikomiti, Kgosi Madome Madome a re ba kgona go lwantsha borukutlhi jo ka ba kopanetse tiro e le ba-na-le seabe jaaka masole, ba ofisi ya matimela le ba khansele ba melao ga mmogo le bobegadikgang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Moletlo wa go ipelela maduo
Date : 04 Apr 2017






