Breaking News

Motlhopha ntsi ke yo o kgorang

04 Apr 2017

Ka Setswana se re motlhopha ntsi ke yo o kgorang, Mme Kokeletso Ntoka wa Kanye ke mongwe wa Batswana ba ba rurifatsang se ka o dirisa matlakala go inamola lehuma.

E  rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Ntoka yo o dingwaga di masome mane le boferabobedi a tlhalosa fa a simolotse kgwebo ka 2013 mme maduo a bonala ka wa mariga o kgona go o ora.

Mme Ntoka yo e leng mo-na-le bogole, ga a ipone tsapa ka go itshedisa ka mabogo a gagwe ntswa a na le bokoa.

O dirisa dipampiri  tsa dikgang tse dikgologolo le tse dingwe go bopa mekgabisa ka go farologana.

O tlhalositse fa lorato lwa kgwebo ya gagwe lo simolotse a sena go bona monnawe a dira jalo mme fa e sale nako eo a itoma molomo wa tlase go fitlhelela gompieno.

O bopa dinkgwana le dibeisane tse di tsenyang maungo le mekgabisa e e tsenyang dithunya.

A re o tsenya dipampiri tsa dikgang mo metsing dibeke di ka nna tharo gore di kolobe thata, a tlhalosa fa mabokoso one a a kgona go a tsenya letsatsi fela mo metsing ka one a koloba ka bonako.

O tlhalositse fa go le gantsi a dirisa pampiri ya dikgang ka e motlhofo go bonala go na le mabokoso.

Fa a sena go bopa mekgabisa, o dirisa matlapa a mannye, dithotse tsa magapu, makatane le maphutshi go oketsa mekgabisa.

O dirisa gape le dipeo tsa setlhare sa mokabi le modubana.

Mme Ntoka a re o kgona go kwala a dirisa tsone dithotse e bile gape o kgona go kgabisa ka pente.

O tlhalositse fa a laolwa ke moreki gore o batla mokgabisa wa mofuta mang mme ene o tlaa dira fela jaaka a laetswe.

A re lemme le a le bonang o le dirisa go duelela ngwana wa gagwe sekole, go reka dijo le go reka didirisiwa tsa kgwebo tse di felang kgwebo e ntse e tsweletse.

Mme Ntoka o buile a tletse monyenyo ka kgwebo a re e mo tlodisa dinoka di tletse, a tlhalosa fa lehuma e le selo sa maloba mo go ene.

A re bareki ba gagwe ba rata mokgabisa wa setlhare sa modubana le mokabi, a tlhalosa fa go batla dipeo tsa ditlhare tseo e le kgwetlho ka o tshwanetse go tsena mo sekgweng a di batla mme se se borai.

O buile fa kgwebo e ya gagwe e tlhokana le lorato le bopelotelele ka e tletse dikgwebo tse dintsi fela thata.

Mekgabisa mengwe ya ga Mme Ntoka e ne ya gapa maemo a bobedi monongwaga ka ditshupo tse dipotlana tse di neng di rulagantswe ke khansele ya Borwa.

Mme Ntoka yo o nang le bana ba babedi, o tlhalositse fa ba kgona go mo thusa go sila dipampiri ka go sila e le gone kgwetlho thata mo go ene.

A re o reka dithotse tse a kgabisang ka tsone mo baleming.

O tsweletse a bua fa go sela matlapa a mannye le gone go le bokete ka o dirisa lebogo le le lengwe fela.

Mme Ntoka o boletse fa bareki ba gagwe ba rata sekoloto mme se se dira gore kgwebo e seka ya gola jaaka a ne a solofetse.

Le fa go ntse jalo, Mme Ntoka a re ga a ipone tsapa ka o solofetse go le gontsi mo kgwebong ya gagwe.

Mme Ntoka o gakolola ba-na-le bogole go tswa ka maano a go itshedisa, a ba rotloetsa gore ba seka ba letla bo-na-le bogole go ba kgoreletsa mo botshelong.

‘Ke eletsa go bona fela kgwebo ya me e godile go na le fa ke direlang teng.

Ga nkitla ke ineela mo botshelong.Ke dumela fa kgwebo nngwe le nngwe e simolola e le potlana pele mme e gole ntse e tsweletse.

Ke solofela fa le ya me e tlaa dira fela jalo ka Modimo ga a je nkabo,’ ga wetsa Mme Ntoka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 04 Apr 2017