Breaking News

Neelanang sebaka

04 Apr 2017

Go botlhokwa gore ba ba amogelang dithuso tsa puso tse maikaelelo a tsone e leng go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane ba neelane sebaka sa go akola dithuso tse.

Kgosi Gunny Moses wa Monarch o buile jalo mo potsolotsong a supa fa bangwe ba ba setseng ba le lobaka ba fiwa dithuso di akaretsa dijo kgwedi le kgwedi, ditlamelo le ditshenyegelo tsa go isa bana dikoleng ba setse ba le mo seemong sa go ka ikemela.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Moses a re bangwe ba go nna jaana ba sa ntse ba ithetse moriti o tsididi e bile ba tsweletse fela ka go ikaega ka puso, ba sa supe kgatlhego ya go ka dira maano a go itshetsa.

Kgosi Moses o supile fa a se kgatlhanong le gore ba ba amegang ba ka tswelela ba ikopela dithuso tse, fela a re go botlhokwa gore fa ba setse ba fatlhoga ba fokotse go ikaega ka puso.

A re go dira jalo go ka fa ba bangwe ba le bone ba sa ntseng ba babaletswe sebaka sa gore ba thusiwe.

O bile a re seo se ka dira pharologanyo e bile se ka tlhofofaletsa puso tiro tebang le go tswelela e dira maiteko a a tokafatsa matshelo a ba ba angwang ke lehuma.

O bile a gakolola gore maikaelelo magolo a dithuso tse ke go tlhagola tsela go ntsha batho mo manokonokong a lehuma.

A re ba ba setseng ba itsetsepetse ba ka leka methale e mengwe e e lolameng ya go itshetsa e akaretsa mananeo a go itshimolodisetsa dikgwebo gore ba itshetlele.

Kgosi Moses o bile a kgala bangwe ba ba atisang mokgwa wa go fuduga kwa magaeng go tla toropong ka maikaelelo a go latela dithuso ntswa ba na le bonno jo bo siameng kwa magaeng.

A re phelelo ya se ke gore bangwe ba tlhoka go nna sentle mo seemo se patikang gore ba fiwe dithuso tsa boipelego.

Kgosi Moses a re dithuso tsa puso ka go farologana di a goroga lefatshe ka bophara e bile di  tshwana fela go sa kgathalesege gore di amogelwa kwa magaeng kgotsa mo toropong.

A re batho le fa ba le kwa gae ba tlaa tswelela ba fiwa dithuso tse di nitameng e bile di le maleba, a kaya fa mokgwa wa go fudugela mo toropong o felela o baka mosuke mo diofising, mme seo se dire gore bangwe ba felele ba ngongorega gore ba tsaya lobaka go busediwa dikarabo tebang le dithuso tse ba di kopileng.

Go sale foo, Kgosi Moses o bile ga re ntswa bangwe ba setse ba amogetse dithuso, ga go na ope motlhala wa go supa phetogo e e dirilweng ke tsone di thuso tse.

A re mokgwa wa go dirisa dithuso bofafalele go sa bolokelwe malatsi a mangwe obosula.

Kgosi Moses o bile a re bangwe ba latlhelela dithuso tse ka maikaelelo a gore ba tlaa boa gape ba kopa tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyapedza

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 04 Apr 2017