Modisaotsile o itshetsa ka senkgwe
04 Apr 2017
Batswana bangwe akola mananeo a puso e a dirileng go ba ntsha mo lehumeng, bogolo jang ka letlhoko la ditiro le kokonela ba le bantsi.
Mme Tebogo Modisaotsile yo o dingwaga di masome mane le boferabongwe, wa Gakgatla gaufi le Thamaga ke mongwe wa ba ba filweng lenaneo la nyeletso lehuma go apaya borotho.
A re o filwe lenaneo ka 2014 mme e rile morago a isiwa dithutong tsa go apaya ga mmogo le go tlhokomela kgwebo.
Fa a bua mo potsolosong, Mme Modisaotsile a re ba simolotse e le bomme ba le setlhopha ba le barataro ba ipitsa Jesang Malwapa Bakery mme bomme ba batlhano ba ikgogela morago ka mabaka a botshelo mme a sala a le nosi.
A re o ne a rekelwa ditofo tse pedi, ditsidifatsi tse pedi ga mmogo le didirisiwa tse di beelang borotho. Didirisiwa tse di rekilweng di lopile P12 000.
Mme Modisaotsile o tlhalositse gore o hirisitse madirelo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a a a duelang P75 ka kgwedi gore a apeele borotho teng.
A re kgwebo e tsweletse sentle e bile o apaya diphaphatha ga mmogo le dilofo mme go reka mongwe le mongwe fela ka go sena khamphani epe e a dumalaneng le yone go e apeela.
Mme Modisaotsile a re o lebogela lenaneo la nyeletso lehuma ka le ne la mo thusa gore a fetse ntlo ya gagwe ka a re e ne e sa bolo go nna lebaka le le telele e sa fela.
A re lenaneo gape le mo thusitse gore a nne a ipolokela madi kwa posong kgwedi le kgwedi ga mmogo le go jesa ba lelwapa la gagwe.
O ne a tswelela a tlhalosa gore lenaneo le mo thusitse gore a itse gore kgwebo e tsamaisiwa jang le gore a nne pelotelele mme a tlhalosa gape gore ke dilo tse a neng a sa di itse pele ga a tsena mo kgwebong eo.
A re o ithutile gore o tshwanetse a dira mekwalo ya gore a kwebo e dira dipoelo kana ditshenyegelo.
Mme Modisaotsile a re jaaka kgwebo nngwe le lengwe o kopana le dikgwetlho mme seo se dire gore a tswe ka methale ya go di lwantsha.
“Dikgwetlho tse ke kopanang le tsone ke gore ga go na metsi mo madirelong a me, ka jalo ke agelela kwa lwapeng la me letsatsi le letsatsi. Motlakase le one ga o yo jaanong ditsidifatsi tse ke di filweng ga di na tiro epe e di e dirang,” ga tlhalosa Mme Modisaotsile.
Mme Modisaotsile o rotloeditse Batswana gore ba seka ba itsapela mananeo a nyeletso lehuma ka a diretswe bone go intsha mo lehumeng.
A re lenaneo lengwe le lengwe le mosola e bile le batla o le dira ka botswapelo le go lwantshana le kgwetlho gore o seka wa le phuaganya mo tseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : GAKGATLA
Event : Potsolotso
Date : 04 Apr 2017






