Moyakoi o itshetsa ka Sembukushu
03 Apr 2017
Monana wa digwaga tse di masome a mabedi le boraro, Rre Mogakolodi Moyakoi a re teme ya gagwe ya Sembukushu e mo thusa fela thata go bona madi a itshitso mo nakong e e thata e a sa berekeng.
Rre Moyakoi a re ka ngwaga wa 2011 o ile a kopana le ba lekgotla la Tribal le le ileng la kopa thuso ya gagwe ya go ranola ka teme ya Sembukushu mo lekgotleng fa go sekisiwa, go thusa bao ba ba sa tlhaloganyeng Setswana mme morago ba mo atswe.
A re tiro e ya gagwe e kgonne go mo thusa go itlhokomela ga mmogo le bo monnawe selo se a supileng a le motlotlo thata ka sone ebile a eletsa go bona lekgotla le ka kgona go mo thapa go tswelela a dira tiro eo ka a le senatla mo go yone.
Rre Moyakoi yo o tlholegang kwa motseng wa Ngarange mo kgaolong ya Okavango, a re o kopane le tiro e ya gagwe mo Gumare ka a ne a batlana le mmereko a sa o bone mme e re a bona tshono eo a seka a re kamoso.
A re go ranola ka Sembukushu ke tiro ea ne a sa solofela fa e ka thusa motho go bona madi a itshetso a tswelela ka go supa fa ebile a kgonne go ranolela batho le gone ko dikgotla tshekelong tse di tona jaaka kwa Maun le Gaborone.
Rre Moyakoi yo o dirileng lokwalo la boraro (Form III) fela, a re o ikwatlhaela go sa fetsa sekole sa gagwe ka dithuso tsa matiriki (Form five) ka gore gangwe le gape ba nna ba mmotsa gore a o na le setlankana se segolwane sa dithuto gore ba kgone go mo thapa mo tirong eo ya go ranola.
A re thuto e mosola fela thata ka e ka bo e mo thusitse go bona mmereko oo go ka fetola sengwe le sengwe mo botshelong jwa gagwe.
Rre Moyakoi a re go ranola ke tiro e e thata ka gore o tshwanetse go reetsa thata le gore o tshwanela ke go itse dipuo tsotlhe tse di dirisiwang mo le kgotleng ebong sekgowa le Setswana gore o kgone go isa molaetsa oo maleba ko motho yo o mo ranolelang ga mmogo le ko lekgotleng.
A re thanolo e tlhoka motho yo o nang le boikarabelo jwa go kgona go sireletsa sephiri sa batho ba a ba ranolelang ga mmogo le dikgang tse dingwe tse di buiwang mo lekgotleng mme di sa tshwanela go buiwa mo pontsheng.
Tiro e ya gagwe a re o kgona go bitswa gangwe fela mo ngweding kgotsa ga bedi go tswa fela gore go na le dikgang dife tse di tlhokang thuso ya gagwe, a tswelela ka go supa fa mo malatsing a gompieno a kgona go leletswa le ke ba ba ko Gaborone le Maun gore a e go ranola selo se a supileng se mo tsentse mo bathong e bile a dumela fa banana ba ka tsaya malebela mo go ipelafatseng ka dingwao tsa bone.
Rre Moyakoi a re le fa gongwe re itse dipuo tsa rona ka go farologana re tshwanetse go tsena sekole go itse ditsamaiso tse dingwe le diteme tse di dirisiwang go ralala lefatshe lotlhe jaaka sekgowa le Sefora ka a re di dirisiwa ke mafatshe a le mmalwa malatsi ano. Gape a re monate wa tiro ya gagwe ke gore o duelwa fela fa a fetsa go ranola go na le go emela kgwedi e fela selo se a reng se dira tiro ya gagwe motlhofo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : Ngarange
Event : Potsolotso
Date : 03 Apr 2017






