Western Masters e abela baithuti
03 Apr 2017
Ba mokgatlho wa Western Masters ba abetse bana ba basetsaba ba sekole sa Mahupu Unified dimpho tsa mesangwana (sanitary pads) tsa madi a a fetang P21 000.
Erile a amogela dimpho tseo, mogokgo wa sekole seo Rre Khan Masau, a tlhalosa fa sekole sa gagwe se amogela bana ba mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano, go tswa mo dikoleng tse tharo tse di mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng.
O tlhalosiste fa dikole tseo e le sa Mahupu, Mphuthe le sa Lempu, a bo a tlhalosa fa sekole seo se ntse se sa dire sentle mo mophatong wa boraro mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, a bo a supa fa erile ngogola sekole seo sa ntsha maduo a a botoka ka se kgonne go ntsha bana ba ba tsereng maduo a A ba le babedi, ba ferabongwe ba dule ka maduo a B, ba le masome a robabobedi le bongwe ba tsere C, fa ba bangwe ba tsere maduo a a kwa tlase.
Mogokgo o tlhalositse fa ba na le maikaelelo a go ntsha maduo a mantle monongwaga, a bo a supa fa ba ikaelela go sala morago bana ba ba tsileng ka maduo a ntlha kwa dikoleng tse dipotlana, go elatlhoko maduo a bone kgwedi le kgwedi le gone go ba rotloetsa.
O supile gape fa ba dirisana le bagokgo ba dikole tse dipotlana gore ba thusanye gore ba ne ba kgona bana jang gore ba pase, ba rotloetsa batsadi go tla go bona maduo a bana a sekole le gone go fa baithuti ba ba nnang kwa motseng sebaka sa go ithuta maitseboa.
Rre Kesaletse Ditshetelo go tswa kwa mokgatlhong wa Western Masters o tlhalosiste fa mokgatlho o, o bopilwe ka bana ba bontsi jwa bone ba tswang mo kgaolong ya Kgalagadi, a supa fa maikaelelo a bone e le go thusa bana ba dikole ka jaana ba itse letlhoko la bone.
O supile fa e se lantlha ba dira tiro e ba e dirang, ka ba kile ba etela bana ba sekole sa Matsha go ya go bua le bone, morago ga gore go tsoge tlhakatlhakano kwa sekolong seo, a supa fa maikaelelo a bone e le go fa bana lorato le maele a botshelo.
O supile fa ba dira se ka ntlha ya gore puso e supile fa e ka se kgone e le nosi, ke gone ka moo ba neng ba dira se ba ka se kgonang go fa bana tsholofelo.
Rre Ditshetelo o supile fa toro ya mokgatlho oo, e le go direla bana ba Matsha ba ba tlhokafetseng ka kotsi ya koloi dihikantswe.
Fa a fa mafoko a kgothatso moithuti wa pele wa sekole seo Mme Segolame Kedumedi o kopile bana ba sekole seo go se senye sekole seo, a bo a ba kopa gore o eletsa go fitlhela sekole seo mo dingwageng tse some tse di tlang se ntse se le sentle jaaka a se bona, o ba kopa gape go se phepafatsa le gone go somarela dithoto tsa sone.
Mme Kedumedi o kopile bao ba ba sa direng sentle mo dithutong, go ikgolaganya le ba ba dirang sentle gore ba tle ba ba thuse, go na le go ba kgokgontsha le go ba senyetsa.
O kopile bana go tsaya thuto kana metshameko e ba e rutwang kwa sekoleng ka tlhwaafalo, a supa fa metshameko le yone e kgona go ba thusa kamoso.
Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka o ne a lebogela mpho ya ba Western Masters, a supa fa go le sego letsogo le le abang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Apr 2017






