Monana o rotloetsa balekane go tsaya botsogo tsia
03 Apr 2017
Morago ga kgwedi ya banana kgatlhanong le mogare wa HIV banana ba rotloediwa go tswelela ka go ikgapha le go tsaya tsia botsogo le tsa boitekanelo.
Se se builwe kwa bokopanong jwa kgwedi ya banana kwa Stepping Stones International (SSI) ka Labotlhano.
Mme Pearl Pheko wa dingwaga tse 24, yo o tshelang ka mogare o ne a ema banana ba Stepping Stones International Leadership Programme ka lefoko a ba gwetlha go ikgapha mo maitsholong a a ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.
Mme Pheko o kaile fa a ne a tlhoka tsebe ka bonana, a re o tshotse bana ka bonana le go ikamanya le banna ba ba tona selo se a rileng ke sone se mo baketseng mathata.
O ne a gwetlha banana go tsaya malebela mme a re ba rotloetsege go itlhatlhoba, a re fa ba fitlhela ba na le mogare ba itse fa e se phelelo ya botshelo mme a kaya fa a ne a ikaga sesha ke ka moo a tseneletseng lenaneo la Stepping Stones International Leadership Programme kwa SSI.
A re bomme ba ba nang le mogare ba seka ba rontsha masea a bone ditshwanelo a re o itemogetse fa banana ba ba tshelang ka mogare ba sa sale ditaelo tsa bongaka morago, selo se a rileng se baya matshelo a bana mo mathateng a go tsenwa ke mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng.
Mme Pheko o ne gape a gatelela fa go le botlhokwa go itsise ba malwapa ka seemo sa bone sa botsogo a tlhalosa fa kemo nokeng ya ga mmagwe e mo tiisitse moko e bile ya ntshafatsa tsholofelo ya gagwe.
E ne e rile go le pele, moeteledipele wa SSI Mme Beauty Mogasha a kaya fa banana e le bone ba amilweng thata ke mogare wa HIV mme a re go botlhokwa gore ba ipatlisise ba bo ba ikemisetse go lwantsha segajaja se.
Mme Mogasha a re banana ba ba senang mogare ba na le sebaka le tshiamelo ya go tshela ba sena mogare ka go ipabalela go ya pele. A re seo se ka kgonega fa ba na le maitsetsepelo mo dikgwetlhong tsotlhe le go ipabalela ka dinako tsotlhe.
Moemedi go tswa kwa ofising ya banana Rre Gape Mojapelo o ne a tlhalosa fa banana ba fiwa dithata mme a kaya fa seo se ka ba tswela maduo fa ba itekanetse.
Rre Mojapelo a re kitso e le nosi ga e na mosola a re se se molemo ke go diragatsa dikitso tse banana ba di anywang le maikaelelo a bone.
O ne a tlatsa ka gore go thona go bona dipalo tsa mogare di gola ntswa dithuto le ditsompelo di le teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesesgo Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : bokopano
Date : 03 Apr 2017






