Breaking News

Bojang jwa Napier bo siametse leruo

03 Apr 2017

Bojang jwa Napier jo bo tlholegang kwa India mme bo lemiwa thata kwa Kenya bo siametse leruo jaaka dipudi, dinku le dikgomo.

Seo se builwe ke Rre Batshwari Dintwe yo e leng molemi wa bojang jwa Napier kwa Molapowabojang mme a setse a butse madirelo a mangwe kwa Bobonong, a re o setse a na le dingwaga tse di lesome le botlhano a ntse a le mo kgwebong ya go lema bojang joo.

Rre Dintwe o buile seo mo ketelong ya masimo e e neng e rulagantswe ke ba lephata la temo ba kopane le ba komiti ya balemi kwa Sefhophe.

Rre Dintwa o tlhalositse fa a ruile dikgomo tsa mashi tse a tlhalositseng fa go ja ga tsone go gaisa ga dikgomo tsa nama a re mme seo ga se ise se supe gore dikgomo tsa gagwe di tlhaela phulo kana dikotla ka tsela epe ka a di fepa ka bojang jwa Napier.

Rre Dintwe a re bojang jwa Napier bo na le dikotla tsa selekanyo sa lesome le boferabobedi mo lekgolong mme e bile bo le motlhofo go lengwa,a re go ka dirisiwa mefuta e mebedi go bo lema, a re bo ka lengwa e le setlhatshana kana bo lengwe e le dikutu.

Rre Dintwe a re molemi o tshwanetse go sia boleele jwa mmithara o le mongwe fa gare ga dijwalo mme fa gare ga ditselana go tshwanetse ga nna boleele jwa 2.5 metre ka go le botlhokwa gore bo tsenwe ke phefo gore bo dire sentle.

Bojang jwa Napier bo tshwanetse go lengwa ka nako ya temo fela jaaka dijwalo tse dingwe mme ga bo tlhokane le metsi a mantsi, a re fa bo setse bo medile ga go motlhofo gore bo bolawe ke mogote kana mariga.

Rre Dintwe a re bojang jwa Napier bo tsaa sebaka sa dibeke tse di robang bobedi go ka kgaolelwa leruo mme bo kgona go gola go nna dimmithara di le nne.

A re Napier e siametse go kgaolwa e le boleele jwa 1.2 metres ka ke nako e e a bong e sa ntse e na le dikotla tse dintsi,a tlhalosa gore e laolwa ke go kgaola mme seo se e dira gore e gole le go feta.

Rre Dintwe a re bojang jwa Napier fa bo setse bo kgaotswe bo tlhoka go bewa mo moriting gore bo seka ja latlhegelwa ke dikotla ka lebaka la letsatsi,o tsweletse a tlhalosa fa bo kgona go tshela dingwaga tse di masome a mararo bo ntse bo lemilwe.

O tsweletse a re dipatisiso di supile fa bojang jwa Napier bo siametse go lengwa gongwe le gongwe mo lefatsheng la Botswana bogolo jang mo kgaolong ya bokone ka mariga a teng a se bogale jaaka a kwa borwa.

Mma Balemisi wa kgaolo ya Selebi Phikwe Mme Keakabetse Phalaagae o ne a sedimosetsa balemi ba ba neng ba tsene tirelo ya go lekola masimo fa puso e phutholotse letsogo go thusa balemi ka go tsenya bojang jwa Napier mo lenaneong la ISPAAD mme a ba rotloetsa go le dirisa gore ba kgone go jesa leruo la bone.

Mme Phalaagae a re balemi ba tshwanetse go tswa mo mokgweng wa bogologolo wa gore leruo le ipatlele dijo.

Kwa bofelong Kgosi Diloro Segwabe wa Sefhophe o ne a rotloetsa balemi go lema bojang jwa Napier go jesa leruo la bone, a tlhalosa fa kgaolo ya zone 7 e tshabelelwa ke leuba.

Kgosi Segwabe a re fa balemi ba ka lema bojang jwa Napier ka bontsi go ka fokotsa leuba le o fitlhelang le fetsa leruo ka dipalo tse di kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Ketelo ya masimo

Date : 03 Apr 2017