Breaking News

Nyeletso lehuma e neela Nnopi seriti

02 Apr 2017

Lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse ka go inola Batswana mo lehumeng le manokonoko a kwelotlase ya itsholelo mme yo o bonyeng dithuso tsa lenaneo a nne le seriti.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Kagisanyo Nnopi wa motse wa Dibete, yo o  dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe a filwe dithuso ka lenaneo a le mo mohameng wa kapei ya dijo o tlhalositse fa lenaneo le mo tlodisa melatswana e tletse.

Mme Nnopi o tlhalositse fa a tswa kgakala a rata go apaya mme a ne a tlhaela botsipa bongwe jo bo tsileng le lenaneo le tsone didirisiwa tsa kapei mme erile go utlwalela lenaneo la nyeletso lehuma a seka a tlhola a leba kwa morago a ikopela mme a atlega.

A re o abetswe didirisiwa tsa kapei ka ngwaga wa 2012 mme morago a isiwa ithutuntshong ya dibeke tse tharo kwa Mahalapye ke ba lephata la boipelego.

A re kwa ithutuntshong o ne a sugwa mo dikarolong tse di farologanyeng tse di amang kapei magareng ga tsone e le go tshwara dijo,kapei ya dijo ga mmogo le go kwala dibuka tsa madi le pego .

Mme Nnopi o kaile fa botshelo jwa gagwe bo tsamaya ka thelelo morago ga gore a bone lenaneo,a re letseno la madi le botoka ka gore o kgona go thusa ba lelwapa la gagwe e bile bana ba gagwe ga ba sokole go ka ya sekoleng.

O tlatsa ka gore o kgonne go bula letlole la polokelo ya madi kwa bankeng, a re o dira se gore fa nako e ntse e tsamaya a kgone go atolosa kgwebo ga mmogo le go ka thiba fa mathata a tlhagoga.

Mme Nnopi a re maphata a puso a mo fa kgothatso ka gore gantsi fa ba na leditiro ke ene a ba fepang ka dijo mme le morafe wa motse wa Dibete ka kakaretso ba reka mo go ene,a re mo bogompienong ke ene a abetswenng tiro ya go apeela mapodisi a motse a a ithaopileng.

O kaile fa a apaya dijo tse di farologanyeng seo se bakiwa ke se moreki a se batlang,a kaya fa ene a reetsa e bile a tlotla moreki thata gore a age botsalano jo bo lolameng.

Le ntswa kgwebo ya ga Mme Nnopi e mo fa letseno a re dikgwetlho tsone di teng di akaretsa kgaogo ya motlakase e gantsi e senyang dinama ka jalo moo go dire gore a nne le tatlhegelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moleleki Tsholofetso

Location : DIBETE

Event : Potsolotso

Date : 02 Apr 2017