Ba Zoroga batla ditsela tsa go tswelela le botshelo
02 Apr 2017
Pula ya Dineo e tlogetse metsi a mantsi a a sa kgoneng go laolesega mo lefatsheng leno, a e bileng mangwe a tswetse tsela ya Nata-Zoroga a emisa ditiro tsa banni ba motse le dikgwebo ka go farologana.
Banni ba motse wa Zoroga ba ba tsayang ditirelo ka bontsi ko motseng wa Nata le Francistown ga ba kgone go di bona ntlheng ya metsi ao. Se se boletswe mo potsolotsong bosheng ke modulasetilo wa komiti ya ditlabololo tsa motse, Rre Ditshwanelo Shororo.
A re dipalamo tsa setshaba ga di sa feta jaaka tlwaelo ka dingwe di sa tlhole di dirisa tsela eo go tshabisa ditshenyo tsa metsi.
Rre Shororo a re banni ba motse wa Zoroga ba ikiteile ka thupana ngwaga ono ka bontsi ba ne ba lemile le ntswa e ne e se botlhe mme ba ba sa lemang ba tshela ka ba ba lemileng.
A re ka maswabi go nnile le dipula tse dintsi tse di fekeeditseng dijalo go ka gola sentle bogolo jang magapu, ka metsi a setse a le mantsi mo masimong ka nako eno.
O tsweletswe ka go tlhalosa fa masimo a le lekgolo le masome a supa le bongwe a amilwe ke dipula tseo ka jaana a setse a eme metsi.
A re ba masimo ao ga ba na go bona thobo ngwaga ono ka dijalo tsotlhe di sule.
O tlhalositse fa se se tsile go oketsa tlala mo motseng wa Zoroga ka masimo e le yone nako ya one eno go direla banni dijo.
A re banni ba motse ba dule ko masimong ka go na le metsi ka jalo ba bantsi fela thata mo go dirang gore ba palelwe ke go thapa babereki ba ipelegeng ka motse otlhe o tsile mme go sa nne le phetogo e e kalo.
“Dipalo tsa banni ba ba ikopelang go bereka mo ipelegeng di ko godimo, mme re sa ntse re tlaa kopa go okeletswa diphatlha go ya lekgolong gore re kgone go akaretsa banni ba ba neng ba itshetsa ka masimo le bone ba kgone go oba letsogo,” ga tlhalosa Rre Shororo.
O tlhalositse fa dihutshane le diruiwa tse dingwe di fudugetse fa gare ga motse ntateng ya montsana o montsi.
A re montsana o, o montsi fela thata mo e leng gore o bolaya tsone dihutshane tota.
Rre Shororo o tsweletse ka go tlhalosa fa mabentlele a le matlhano mo motseng wa Zoroga a sena tsone dijo tse di ka rekisetswang banni ba motse.
A re faesale kgwedi ya Hrikgong e tlhola malatsi a le lesome le bosupa fa pula ya Dineo e simolologa, beng ba madirelo ao ga ba kgone go tlola metsi ao go ya go oketsa dilwana tsa madirelo a bone gore ba kgone go tshetsa banni ba motse.
A re gape le badirelapuso mo motseng wa Zoroga ka kakaretso ba amilwe ke seemo se. O tlhalositse fa ba dirisa banka ya motse wa Nata go bona madi gore ba kgone go ithekela le tsone dijo tota.
O tlhalositse fa ditlhwatlhwa tsa dipalamo tse ba ikopelang mosepele mo go tsone di setse di ile godimo ka ntlha ya gore le bone ba duelela dikoloi tsa bone gore di tlodisiwe metsi go ya ko Nata.
A re le fa ntswa bakgweetsi ba ne ba dirisa tsela fela ba beile mo Modimong, dingwe tsa dikoloi tse di rwalang dithoto di le tharo ga di a kgona go kgabaganya metsi ao ka jalo di eme fela fa gare ga one ka di senyegetse mo teng.
O tlhalositse fa maikaelelo le maikemisetso a bone, ka ba na le tsela ya karabole, e le go kopa dithuso gore e kgone go sekwasekwa fale le fale gore e kgone go dirisiwa ka e le yone fela e senang metsi a mantsi gape e le yone e dikologang fa metsi a tswetseng tsela teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Apr 2017






