Breaking News

Ba Xhosa ba tshwentswe ke borukutlhi

09 Jan 2013

Baagi ba kgotla ya Xhosa kwa Mahalapye ba supile matshwenyego ka kgolo ya borukutlhi kwa kgaolong ya bone.

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae e bile e le mopalamente wa Mahalapye botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso kwa kgotlaneng ya Moloko kwa Mahalapye.

Ba re borukutlhi joo bo diragala gantsi fa matamong, e le jo bo amang dipodi le dikgomo.

Ba ngongorega gore mapodisi a diegela go tsiboga.

Ba supile fa dirukutlhi dingwe e le banana mme batsadi bangwe  ba di ema nokeng.

Mme Tshireletso o kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba emang le bana mo borukutlhing a supa fa e le go tlhoka boikarabelo.

Inspector Basuti Mmereki wa sepodisi sa Mahalapye o kaile fa fa go na le tlhaelo ya dikoloi ka jalo ba tsaya nako go tsiboga fa ba begelwa dikgang tsa borukutlhi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Gaisang

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 09 Jan 2013