Breaking News

Mokgatlho o busetsa balwetsi mo kalafing ya ARV

02 Apr 2017

Mokgatlho wa Bokaa Tokafatso Matshelo Community Improvement Team wa motse wa Bokaa o buseditse batho ba le lesome le bobedi mo kalafing ya ARV fa ba sa ntse ba le mo motlhaleng wa go busetsa ba bangwe ba le lesome.

Se se tla morago ga gore ba filthele batho ba le masome a mabedi le bobedi mo motseng ba tlogetse kalafi ya ARV.

Mokgatlho o o berekang le ba botsogo o tlhamilwe ka Seetebosigo ngogola, o akaretsa baemedi go tswa mo dikomiting tsotlhe tsa motse, o na le maloko a le lesome le borobabobedi e bile o rotloediwa ke University Research Council (URC).

E rile a bua kwa phuthegong ya pego ya mokgatlho ka Laboraro, mogolwane wa Kgatleng District Health Management Team Mme Ellen Ranoba a tlhalosa fa ba itumelela tiro e e dirwang ke mokgatlho o a re se ba se dirang ke sesupo sa kgatelopele mo go lwantsheng kanamo ya HIV.

Mme Ranoba a re go molemo go bona motse o tshwaraganetse tiro e tshwana le ya mokgatlho wa Bokaa Tokafatso Matshelo Community Improvement Team go tokafatsa matshelo, a tlatsa ka gore dikomiti tsa Bokaa di tswelele ka go emana nokeng go ya pele.

O rotloeditse mokgatlho go tswelela pele ka go diragatsa maitlamo a bone, a re ba tie moko ba seka ba itlhoboga fa ba kopana le dikgwetlho tsa letsatsi le letsatsi.

“Ditsela tse di molemo di thata, ka jalo le seka la ineela mo dikgwetlhong, se segolo se le ka se dirang ke go emana nokeng ka bolona. Le dirise mananeo a le a ithutileng mo go ba URC go tokafatsa matshelo a lona gore le nne sekao mo motseng,” Mme Ranoba a gakolola.

Fa a tswelela, o ne a gakolola setshaba fa se tshwanetse go ikgapha mo malwetseng a a sa tshelanweng a a kaileng fa e le one a di gogang kwa pele mo go gapeng matshelo a batho.

Mme Ranoba o ne a leboga barotloetsi ba mokgatlho ba University Research Council a gatelela fa dikgaolo tse dingwe di ka tla go ithuta mo mokgatlhong o.

Mokgatlho o ne gape wa gakololwa ka botlhokwa jwa go fitlha diphiri tsa balwetse ka jaana ba ba tshepha gore ga ba kake ba di bolelela ope.

Mooki yo mogolwane wa Bokaa, Mme Kefilwe Disele, o ne a gatelela fa maloko a mokgatlho a tshwanetse go ruta balwetse ka botlhokwa jwa go itekodisa ba ba ba okang kgotsa ba tshela le bone.

Mme Disele o ne a gatelela fa go le botlhokwa gore maloko a mokgatlho a tshegetse diphiri le dikeletso tsa balwetse le botlhe ba ba ba thusitseng. Le fa go ntse jalo o ne a gatelela fa ba tshwanetse go itsise balwetse gore ba tlhoka kemo nokeng ya ba malwapa a bone ka jalo ba seka ba dira malwetse a bone sephiri.

E ne e rile go le pele, Kgosi Sue Mosinyi a tlhalosa fa  mokgatlho wa Bokaa Tokafatso Matshelo Community Improvement Team o bolokile matshelo mme a ba rotloetsa go tswelela ka tiro e ntle e ba e

Kgosi Mosinyi a re mokgatlho o tsisitse tshwaragano mo morafeng ka go neelanwa megopolo selo se a rileng se tokafatsa seemo sa kitso le go tlisa dikitso tse di farologaneng ka jaana mokgatlho o akaretsa baemedi go tswa mo maphateng ga mmogo le dikomiti tsa motse.

A re seo se dira gore ba rarabolole mathata a a amang banni ka bofefo.

O ne a re o itumedisiwa thata ke gore komiti e itebagantse le tokafatso matshelo ka kakaretso eseng tsa botsogo fela ka jalo a re maikemisetso a mokgatlho o a a bonala ka ba setse ba na le motlhala mme o eletsa go ba bona ba gola ba sa ineele.

Mogolwane wa URC Rre Cecil Haverkamp o ne a tlhalosa fa Batswana ba tshwanetse go ithulaganya, a re ba seka ba nyatsa bokgoni jwa bone. A tlatsa ka gore ba ka itirela pele ba ka ya go batla dithuso kwa ntle.

Rre Haverkamp a re go botlhokwa gore setshaba ka kakaretso se seka sa nyatsa ditsompelo tse ba nang le tsone gore ba tle ba fitlhelele maikemisetso a bone.

O ne a gatelela fa katlego ya mokgatlho wa Bokaa Tokafatso Matshelo Community Improvement Team e se ka ntlha ya fa ba thusiwa ke URC a re ke ka gore mokgatlho ka osi o dira go le gontsi go netefatsa fa ba ntsha maduo.

Fa a tswa la gagwe, leloko la komiti eo Mme Maria Modidi o ne a supa fa ba itemogetse dikgwetlho mme a re ga ba ise ba ineele, a re ba fa ba leng teng ka boineelo, bopelotelele le lerato la boithaopo go netefatsa fa ba direla tshaba ya Botswana.

Letsatsi le ne la wela ka go abiwa ga ditlankana go kgothatsa maloko a mokgatlho o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : BOKAA

Event : Phuthego ya pego ya mokgatlho

Date : 02 Apr 2017