Breaking News

Go ipolaya ga se tharabololo ya mathata

02 Apr 2017

Mookamela mapodisi a Central Police Station Superintendent Lebalang Maniki a re go ngomola pelo go bo go sa ntse go na le batho bangwe ba e reng fa ba imelwa ke matshwenyego a botshelo jwa bone, ba bo ba akanya gore go ikgapela botshelo ke gone tharabololo ya mathata.

Superintendent Maniki o ntshitse matshwenyego ao mo potsolotsong le BOPA bosheng, a tlhalosa fa go ikgapela botshelo e le go tlogelela ba ba salang mathata a a seng kana ka sepe.

O tlhalositse fa mo ngwageng o o fetileng, ba dikile ba gatisitse dikgang tsa batho ba ba ikgapetseng botshelo di le borobabobedi, mme monongwaga mo kgweding ba setse ba kwadisitse tse pedi.

A re botshelo jwa motho a le mongwe fela fa a tlhokafala ka tsela epe fela bo ama ba masika, ditsala, bana ga mmogo le lefatshe ka kakaretso.

O tlhalositse fa borai ja teng bo kokonela ba ba gaufi le motho yo o tlhokafetseng segolo bogolo bana ka ba sala e le dikhutsana.

A re dikgang tse tsa go ikgapela botshelo go le gantsi di tshabelela banna, a tlhalosa fa go lebega seno se bakwa ke gore ba rata go swa senku fa ba na le diemo.

O bile a kgala mokgwa oo a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse a nna a phuthologile ka sepe se se amang botshelo jwa gagwe.

A tlhalosa fa go phuthuloga mo botshelong go le molemo gore motho a se tshabe go amogana sepe fela sa letsatsi le letsatsi ka matshelo a bone.

Superintendent Maniki o ne a kgothatsa motho mongwe le mongwe gore ka dinako dipe fela fa ba kopana le dikgwetlho tsa botshelo, ba di arogane le bangwe ka bone ba akaretsa ditsala tse di tshephagalang, dikgosi, mapodisi kana ba ofisi ya boipelego e e gaufi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 02 Apr 2017