Selalome se tshwerwe
02 Apr 2017
Central Police Station Superintendent Lebalang Maniki a re ba tshegeditse lekawana lengwe la dingwaga tse di magare le le neng la tsenelela lelwapa lengwe ga mmogo le kampa nngwe ya puso kwa Francistown ka Laboraro ka maikaelelo a go utswa ka dikgoka.
Superintendent Maniki o boletse se mo potsolotsong le BOPA, a tlhalosa fa monna yoo a ne a na le selalome se sengwe se se neng sa ba tswa ka diphatlha tsa monwana.
A re tiragalo eo e diragetse mo nakong ya bo lesome mo mosong, a bega fa dilalome tseo tse di neng di ipapanne ka dibetsa tse di bogale, e ne ya re go le pele tsa tlhasela lelwapa lengwe mme ba thukhutha mme yo a neng a le nosi wa mmereki madi a a kanang ka di dikete tse tlhano tsa dipula.
Superintendent Maniki o tlhalositse fa ba ne ba leka go tlhasela babereki ba kampa ya puso gape mme ba retelelwa ka ba ne ba felela ba kgona go tshwarwa pele yo mongwe a siya mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse mabapi le kgang e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Pego ya mapodise
Date : 02 Apr 2017






