Breaking News

Puso e tlaa itebaganya le mosi

16 Jun 2013

Tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Nonofo Molefhi a re puso e sekaseka moono wa go fedisa mosi o o ntseng o tshwenya baagi ba toropo ya Selebi Phikwe.

O tlhalositse jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Damochujenaa bosheng. A re ba mo dipuisanyong le mongwe go fetolela mosi oo kwa motswakong o o ka diriswang mo madirelong mme o tlaa rekwa ke mafatshe a Australia le Jeremane.

Tona, yo e bileng e le mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba, a re go dira madirelo a go fetola mosi go dira motswako oo, go ya go lopa P300 million.

Mo go tse dingwe, tona a re puso e sekaseka go busetsa terena ya batho mo tirisong. O sedimositse gore dipatlisiso tsa lephata la gagwe di supile gore leteroko le lesha le lopa P7million fa le le dirisitsweng le lopa P3 million, tlhogo ya terena yone e lopa madi a a fa gare ga P23 million le P25 million. O tlhalositse le gore letoroko le le dirisitsweng le ka bereka dingwaga tse di masome mabedi le botlhano.

A re mo nakong eno, puso e sekaseka gore go busetsa terena go ka ama itsholelo ya lefatshe le kgwebo ya dipalamo tsa setshaba jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2013