Breaking News

Go leta ngwedi ga se go leta lefifi

27 Mar 2017

O ne a sesafala sefatlhogo, se tlhonya, a aparwa ke bodutu fa a bua ka fa go neng go se motlhofo go akanya ditlamorago tsa dipula tse di boutsana, ka fa dijalo di kabong di babaletswe ka teng.
Gangwe le gape o ne a diga sefatlhogo, o kgona go lemoga gore o tlhatlhanya mo kakanyong  e a sa tswa go tlogela e nngwe.
Le fa go ne go lebega a ne a akanya ka se se kabong se diragetse, go ne go le motlhofo go lemoga gore Dickson Rre Baruakgomo ka tsela nngwe o lemoga gore Modimo ga o je nkabo, e bile go leta ngwedi ga se go leta lefifi, ka jaana go ne ga gosomana dipula tse di simolotseng Ngwanatsele ngogola.
O tshwaetse fa a nametsegile pelo ka jaana dikeletso tsa gagwe a di kgonne mo go ka lekanyediwang mo masomeng a fera bobedi le botlhano mo lekgolong.
Rre Baruakgomo ke molemi  yo o lemelang go rekisa  kwa dipolasing tsa Mosisedi mo kgaolong ya Morolong.
O lema dipeo  tsa Seedco tse a di rekang kwa Botswana Marketing Board (BAMB), tse ba temo-thuo ba bolelang fa di le bogadi bo gaufi. 
O lema gape le mmidi wa mmoulo, le mabele a mmoulo a a boletseng fa a lemilwe ke balemi ka bontsi mo kgaolong.
Ka fa Rre Baruakgomo a bolelang ka teng  tshimo ya  gagwe e bophaa jwa diekere tse di makgolo mabedi le boleele jwa diekere tse di masome matlhano le bobedi.
A re o tlogetse lefatshe la selekanyo sa diekere tse some le a lemileng mo go lone manoko le  dinawa.
O tlhalositse fa ba banka ya ya ditlhabololo ba mo thusitse ka P900 000 go simolola temo mo letsemeng la 2016/2017. 
“Dipula tse di netseng moragong di dirile gore ke tlatlamelele dijalo tsa me ka monontshane wa LENA.
Mo nakong eno seemo sa dijalo tsa me ke se se kgatlhisang e bile ke tlaa roba ka Seetebosigo.
O tlhalositse fa tshimo e a lemang mo go yone e le ya lekgotla la kabo ditsha mme a filwe fela 50 hectares wa yone.
E rile a araba potso ka dijalo dingwe tse di kgothegileng a re go ne ga nna letsatsi le le leele morago ga dibeke tse pedi  a sena go lema.
A re dijalo tse di neng di amilwe ke letsatsi di ne tsa kgona go itshegeletsa morago ga dipula tse di neng tsa gosomana morago.
Maduo a dipula tse di sa tswang go na ke gore temo e ile ya atlanegela balemi mo lefatsheng leno ka bontsi, ga bua jalo Rre Baruakgomo. 
A re mathata a ba nang nao ke tshenyo e e dirwang ke seboko sa stockborer le sa armyworm tse di sentseng dijalo jaaka mmidi le dinawa. 
Ke leka go se tlhabantsha ka melemo e tshwana le malathion EC, dimethooate le cytermethrin.” 
E re ntswa go na le kgwetlho e,  o ne a bolela gore balemi bontsi ba jala ka ditselana, le go dira gore  dijalo di nne ka go katologana gore di kgone go hema phefo.   
Rre Baruakgomo a re e re ka jaana a atlanegetswe ke temo, o kgothatsa balemi ba bangwe go tsaya temo fela jaaka tiro nngwe le nngwe. 
A re molemi o tshwanetse go dira ka mabogo le ka didirisiwa, le go leka go fa temo ya gawe lorato ka ditsela tsotlhe tse di maleba.
O boletse fa ba temo-thuo ba ba thusa ka go ba fokoletsa masome a mararo mo lekgolong mo dipeong le melemo e e bolayang diji.    
E re ka go twe mookodi wa pula o beelediwa go sale gale, Rre John Phirinyane yo le ene a nang le temo e e nonneng, le ene  o dirisa masimo a puso a ba a adimilweng mo dingwageng tse di masome mabedi le botlhano.
Ene o lemile mmidi wa mmoulo ka Phukwi ngogola.
A re le ene o thusitswe ke ba banka ya ditlhabololo ka P1.8million.
Rre Phirinyane ene o farologantse mmidi wa tshimo ya gawe ka sekgala sa 200cm, a bolela gore ke go direlela gore dijalo di kgone  go hema phefo.
A re tshimo ya gagwe e botona jwa diekere di le makgolo a a ferang bobedi, masome a mararo le borataro mme a lema mabele le dinawa mo diekereng tse di makgolo a supa, masome a mabedi le le mmsi mo diekereng tse di makgolo mabesi le masome a mabedi 20 hectares,  220 hectares e le mmidi ka Hirikgong.
O tlhalositse ka fa temo e tlhokang tlhokomelo ka teng, a re go tshwana fela le fa o tlhokometse motsetsi.
O tlhalosa gore o nnile le temo e e nametsang ka ngwaga wa 2013/2014, a gatelela gore o kgonne ditoro dingwe tsa gagwe tsa botshelo.  
Rre Phirinyane  a re le fa le bone ba na le metshine e e gasang melemo mo dijing, o kopa puso go ba rekela sefofane sa tlhoo-tomo ka jana se le bofefo le fa go ka nna sebetso sepe fela mo temong.
O ne a iteela puso legofi a re e a ba thusa ka jaana fa go le leuba e duela masome a roba bobedi le botlhano mo lekgolong ya madi a ba a adimileng, fa bone ba tlaa bo ba tshwanelwa ke go duela lesome le botlhano fela mo lekgolong la madi ao.  
O ne a leboga puso, a re e ba thusitse ka jaana ene e bile o kgonne go dira mabeelo a thobo ba a phunya didiba tse tharo.
E rile a ba kgwa dikgaba, mmadijwalo wa temo-thuo mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa,  Mme Emeliah Magosi  a re ba dijwalo tsa bone di babaletsweng ke ditlamorago tsa pula ya ga Dioneo ba seka ba itlhoboga, a re go a tlhaloganyesega gore balemi bangwe ga ba a kgona go nna le nako ya go fa dijalo menontshane  jaaka fa ba ne ba batla.
“Ba sa ntse ba na le sebaka,  ba ba neng ba tlhasetswe ke mmhero, a ba dirise dibolai tse di bogale, fela jalo fa seboko se ise se kgone go laolesega, a ba dirise melemo ya diji e ba neng ba sa e dirisa pele gore seboko se kgone o laolesega.
Gape ka fa go ntseng ka teng,  menontshane e ile kwa tlase, ke sone se o bonang go na le dijalo tse di lebegang di nnile mmala wa lephutshe, go supa gore di babaletswe.
Jalo a re ba dirise monontshane o o gasiwang mo matlhareng go di naya moko, gape go dira gore peo e e tlaa tswang e bo e nonofile.”
Mme Magosi a re molemi o tshwanetse go tsaya temo ka manontlhotlho gore temo e tle e mmusetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : MOSI

Event : Polelo

Date : 27 Mar 2017