Breaking News

Lephata le tlaa fokotsa peo ya mmidi

16 Jun 2013

Ka ntlha ya dipula tse di boutsana, kabo ya peo ya mmidi e tlaa fokodiwa mo letsemeng le le tlang.

Se se tlhalositswe ke mogolwane wa dijalo kwa kgaolong potlana ya Palapye, Rre Alexander Letebele, mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse kwa Topisi le Moreomabele bosheng. Rre Letebele a re ba fokotsa peo ya mmidi ka o sa kgone go emelelana le letsatsi.

A re phokotso e, e tlaa tswelela e diragala go fitlhelela dipula tsa lefatshe leno di tokafala. O ne a tlatsa ka gore  ba  ruta batho ngwaga le ngwaga ka  go lema dipeo tse di bogadi bo gaufi mme ga ba ba tsee tsia. O supile fa ba tlaa remelela mo go abeng dipeo tse di sa tshabelelweng ke leuba jaaka mabele le dinawa.

Rre Letebele o ne a gakolola balemi gore mo letsemeng le le tlang, balemi ba babotlana ba ba tlaa lemang ka ditselana  ba tlaa duelelwa temo ya bone, ba thusiwe ka menontshale ga mmogo le tse di laolang diji mo ditemeng tse di sa feteng  botlhano.

A re balemi ba ba fatlhogang, bone ba tlaa thusiwa go lemelwa ka phokoletso ya masome a mararo mo lekgolong mo ditemeng tse di sa feteng lekgolo le masome a matlhano, fa balemi ba batona ba kgwebo ba tlaa thusiwa ka phokoletso ya masome a mararo mo lekgolong mo ditemeng tse di makgolo matlhano go ya kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : TOPISI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2013