Dikgosi di kgothadiwa go tlhoafalela dithuto
22 Mar 2017
Motshwarelela bogosi jwa Morolong, kgosi Botiki Motshegare o kgothaditse magosi go tsaya dithuto tsa go nonotshiwa mo tirong ka tlhwaafalo.
Kgosi Motshegare o buile jalo bosheng jaaka go ne go tshwerwe dithuto tsa go nonotsha magosi mo tirong kwa Good Hope ke ba lekalana la Emang Basadi le ba Fokotsa Dino.
O ne a bolelela magosi fa ba le sego go bo ba kopana le dithuto tse ka di le botlhokwa mo tirong ya bogosi, e bile go le gantsi fa ba tsena mo tirong eo, ba neelwa maemo ao fela mme go sena sepe se ba se fiwang go emelelana le dikgwetlho.
Kgosi Motshegare o kopile magosi go tsaya dithuto tseo ka ’atla tsoo-pedi mme ba ye go di amogana le merafe e ba e eteletseng pele, gore ba tshele sentle gape ba tswelele ka go dira diphetogo ka tshwaragano, le tirisanyo mmogo e e nitameng go tshwaraganya morafe le moeteledipele wa one.
E rile a ba ema ka lefoko, mookamedi wa lekalana la Emang Basadi, Mme Ida Mokereitane a tlhalosa fa ba ruta magosi gore ba tshwanetse go itse gore le fa ba kopana le dikgotlhang mo tirong, ba tshwanetse go itse gore kgotlhang ke eng le gone gore ba tshwanetse go itse fa go sena jaaka go ka tshelwa go sena kgotlhang.
Mme Mokereitane a re magosi a reetsa dikgang tse di farologanyeng e le baletlanyi ba morafe, ka jalo ba tshwaneste go rutuntshiwa ka dikgang tse ba amanang le tsone gore ba kgone go rarabola dikgang bonolo.
A re kgotlhang e e nang le kgatelelo e ka senya maikutlo, mme le fa go ntse jalo dikgotlhang di mefuta mebedi, kgotlhang e e sa siamang gape e itlhokomolosiwa, le kgotlhang e e siameng.
Mme Mokereitane a re le fa go ntse jalo dikgotlhang e ka nna tsa papadi, batshabi, le melelwane ya mafatshe, itshireletso, a tlatsa ka gore mo dikgannyeng tse tsotlhe go ka batlwa moitseanape yo o nang le dikitso tse di faphegileng go rarabolola dikgotlhang tseo.
Mme Mokereitane o tlhatlheletse magosi gore kgotlhang e e itlhokomolosiwang e a gola mme e felele ka ditlamorago tse di sa siamang fa e sa rarabololwe.
E rile a tswa la gagwe, Kgosi Vincent Dinku wa Sheepfarm, a re lefufa ke lone le le bakang gore go nne le dikgotlhang, jaaka batho ba kgona go kokotletsa mafufa a bogologolo mme ba a tsosolose go dira dikgotlhang tse di kgoreletsang ditiro tsa merafe le tswelelopele.
Kgosi Tsholofelo Metseyabangwe wa Pitsanaphotlokwe, a re ba bewa mo setilong ba sa rutwa sepe ka tiro ya bone,mme a lebogela dithuto tse, a re di tlaa ba fa magokonyane a go rarabolola dikgotlhang tsa merafe.
Dithuto tseo, di ne di tsenwe ke magosi go tswa mo dikgaolong tsa Good Hope le tikologo, Mmathethe le Digawana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : GOOD HOPE
Event : Thuto-seka-Dipuisano
Date : 22 Mar 2017






