Breaking News

Boineelo bo tsala katlego

20 Mar 2017

Le fa puso e leka ka thata go ntsha banana mo mekgwatheng le go tlhabolola matshelo a bone, dikgwebo dingwe tsa banana di tsweletse ka go dira bokgabane fa tse dingwe tsone di phutlhama.

Rre Keene Puku wa Zwenshambe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba yo e bileng e le rre wa lelwapa o boletse fa kgwebo ya gagwe ya marekisetso a dijo a Snackzone Kitchen e tsweletse sentle.

O boletse fa marekisetso a gagwe a kgonne le gone go tlhamela banana bangwe mebereko ka jaana a thapile babereki ba le bararo ba e leng baapei.

Mo potsolotsong, o tlhalositse fa kgwebo e ya gagwe e simolotswe e le tshilo a thusitswe ke ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao ka madi.

O tlhalosa fa mo tsamaong ya nako kgwebo ya tshilo e ne ya phutlhama ntlheng ya dipula tse di boutsana, mme se sa mo fa sebaka sa go tswa ka maano a mangwe.

“Go tlhoka go dira sentle mo tshilong go ne ga seka ga nkgoba marapo,” a tlhalosa jalo.

Rre Puku o ne a bolela fa a ne a seka a nna moriti o tsididi ka  a ne a tlhakanya matsana a a neng a a dirile kwa tshilong le botsipa jo a bo amuleng nako ya a sa ntse a berekela kwa Gaborone mo Currypot go simolola marekisetso a dijo.

O ne a iteela kobo moroko ka kgwebo e ya gagwe gore ga ba a itebaganya fela le go rekisetsa batho kwa marekisetsong, gape kgwebo ya gagwe e kgona go apeela matshwititswiti a batho fa go na le ditiro tse di rileng tse di tshwanang le meletlo.

O supile fa a bereka thata le ba lephata la kabo ditsha, dikole tse dikgolwane tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba le bone ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao fa ba na le mediro.

A re ka jalo banana ba tshwanetse go nna pelotelele e bile ba lemoge gore ga se gore fa kgwebo ya mongwe e phutlhama go fedile ka ene; a tlhalosa fa e le sekai se ba ka tlang go tsaya malebela mo go sone.

O netefaditse fa mabaka mangwe a a dirang gore banana ba itlhoboge e le gore fa ba inaakanya le dikgwebo ba akanya gore di tsile go atlega ka ponyo ya leitlho, e bile gape ba akanya fela ka go dira merokotso e e boitshegang.

Ntswa le kgwebo ya gagwe e dira sentle, Rre Puku o nankotse dingwe tse di kgoreletsang dikgwebo tse dipotlana go atologa jaaka letlhoko la lefatshe, boitshwaro jwa beng ba dikgwebo le gone go tlhoka go ipapatsa sentle.

Fa a tswalela puisano o kgothaditse banana gore ba seka ba ineela e bile ba itse fela fa phelelo ya kgwebo e le tshimologo ya e nngwe.

A re fa ba kopanang le dikgwetlho teng ba kope thuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ditiro Kebapetse

Location : ZWENSHAMBE

Event : POTSOLOTSO

Date : 20 Mar 2017