Lekgotla le aba dinommore
20 Mar 2017
Lekgotla le lebotlana la kabo ditsha kwa Kgalagadi Borwa ba re ba tlaa abela setshaba dinomore go di baya mo ditsheng tsa bone.
Fa a bua mo phuthegong kwa kgotleng kgolo ya Tsabong bosheng, leloko la lekgotla leo, Mme Segomotso Bahuma o ne a tlhalosa fa dinommore tsa ditsha di le botlhokwa ka di tlaa fefosa dithuso le ditlamelo tse ba di neelwang, bogolo jang ke mapodisi, ba lephata la botsogo, motlakase le metsi ka go tlaa tlhofofatsa le go ba kaela kwa motho a nnang teng.
Mme Bahuma o boletse fa Motswana mongwe le mongwe a tlaa tsenyediwa dinomore tseo tsa malwapa mahala mo metseng e le masome a mabedi le bongwe e e mo kgaolong eo pele ga kgwedi eno e ya fifing.
O kaile fa metse e e mo kgaolong eo e tlaa farologanngwa ke tlhaka e e kwalwang mo dinomoreng tsa ditsha.
A re dinomore tseo ba solofetse fa e le tsa boleng jo bo kwa godimo le gore di mosola ka di tlaa kgona go farologanya mekgwatha sentle le yone tebego ya motse tota.
Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba itumelela thulaganyo eo ba kaya fa e le tsone ditlhabololo tse ba saleng ba di emetse.
Fa a tswa la gagwe, Kgosana Piet Kaatzee o ne a lebogela dinomore tse di tlaa bewang mo malwapeng a kaya fa mme di ne di ka tsamaelana sentle fa mekgwatha e ka bo e setse e biditswe maina.
O kaya fa e le mogopolo o ba kileng ba rerisana le ba khansele ka one mme o tshwanelwa ke go latedisiwa ke boeteledipele jwa motse.
Kgosana Kaatzee o ne a lebogela phuthego eo le ntswa a ne a ngongorega ka dipalo tse di kwa tlase tsa banni ba ba neng ba tsene phuthego, a kaya fa dikgang tseo di le botlhokwa mo go bone.
Rre Peter Gotlop o ne a kopa banni ba Kgalagadi Borwa go tshwaragana le go dirisana sentle le badiri ba lekgotla leo ba ba tlaa bong ba romilwe go baya dinomore mo malwapeng le gone go ba supegetsa fa ba eletsang di ka bewa teng ka seo se ka thusa thata mo katlegong ya tiro eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine SimaneĀ
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 20 Mar 2017






