Breaking News

Baji-bareki ba tsibosiwa ka tsa theko

19 Mar 2017

Mothusa kgosi wa Kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, Kgosi Francinah Legwaila o kopile morafe o o neng o tsene pitso e e neng e rulagantswe ke lephata la baji-bareki go tlhomamisa gore ditshwanelo tsa bone ga di gatakwe ka dinao.

Mothusa Kgosi Legwaila o buile jaana fa a amogela batsena phuthego ya go ipelela letsatsi la ditshwanelo tsa moji-moreki kwa Selebi Phikwe.

Kgosi Legwaila o ba gwetlhile go netefatsa gore dithoto tse ba di rekang ke tsa boleng jo bo siameng.

Mme Conie Nkobela, mogolwane mo lephateng la papadi le madirelo kwa Selebi Phikwe o tlhalositse fa setlhogo sa mono ngwaga se tlhalosa gore go bopa lefatshe la maranyane a baji-bareki ba ka a tshephang, se raya gore setshaba se tshwanetse go tlhaloganya mosola le bodiphatsa jwa tiriso ya maranyane.

Mme Nkobela o tlhalositse fa maranyane a kgona go dirisetswa ditiro tsa botlhokwa e bile di ka solegela ba le bantsi molemo fa bangwe bone ba a dirisa mo borukutlhing mme a tsibosa setshaba go ela tlhoko gore ba a dirisa ka tsela e e ka sekeng ya ba tsenya mo diphatseng.

Mme Nkobela o tlhalosa fa moji moreki a tshwanetse go ela tlhoko dintlha tsa botlhoka tse di ka mo tsibosang kana tsa mo hemela mo go tsiediweng ke dilalome tse di dirisang maranyane a segompieno.

O ne gape a ba balela molaetsa wa tona wa papadi kgwebo le madirelo, Rre Vincent Seretse o o neng o ba kgotlhatsag go ithuta ka tsa maranyane ka go le motlhofo gore motho a kgone go reka dithoto tse a di batlang nako nngwe le nngwe go sa kgathalesege gore o kae.

Molaetsa wa ga Tona Seretse o ne wa tlhalosa fa 85.3 per cent ya Batswana ba ba dingwaga tse di lesome go ya kwa godimo ba dirisa megala ya letheka, a re se se supa gore Botswana o tshwaragane le mafatshe a mangwe mo go rotloetseng tiriso ya maranyane a ditlhaeletsanyo.

Moemedi wa lekgotleng le le laolang teseletso ya tsa ditlhaeletsano mo Botswana (BOCRA) Mme Eva Kentshitswe o tlhalositse fa lekgotla leo le dira ka thata go bona gore Batswana ga ba jewe ntsoma fa ba reka tsa maranyane le gore a maranyane a a tshwanang le megala ya letheka a siametse botsogo jwa motho le go netefatsa gore ga a kgotlhele tikologo.

Mme kentshitswe o kgothaditse morafe go tlhomamisa gore fa ba tsena mo marekisetsong ba netefatsa gore se ba se rekang se na le sesupo sa gore se letlelesegile gore se ka rekisiwa, a ba rotloetsa go fokotsa go nna ba siela kwa didirisiweng tsa ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ka go le gantsi e le tsa boleng jo bo kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 19 Mar 2017