Bagwebi ba majalwa ga ba robatse Kgosi
19 Mar 2017
Kgosi Tshwaro Masisi wa Mabesekwa a re ga a jesiwe diwelang ke bagwebi ba bojalwa ba a tlhalosang fa ba ikgatholosa tsamaiso e e lolameng ya theko le thekiso ya bojalwa.
O ntshitse ngongorego eo bosheng fa a buisana le BOPA mo potsolotsong, a tlhalosa fa bagwebi ba, segolo bogolo ba majalwa a Setswana, ba sa rekegele dinako tsa theko le thekiso ya bojalwa .
Kgosi Masisi o ne a tlatsa ka go supa ngongorego mo bagwebing ba ba tsenyang metswako mo majalweng go dira gore majalwa a nne bogale le go gaisa.
Selo se o supile fa jaanong se baka mathata a a seng kana ka sepe mo go rotloetseng maitsholo a a sa eletsegeng mo setshabeng.
O tlhalositse fa gemmere e e dirwang mo malwapeng e le yone e tsenyang banwi tsebetsebe ka jaana go se na letsatsi lepe le le tlhabang ba ise ba begelwe dintwa le matlhapa.
“Bosigo le motshegare re nna re tabogile lepaapaa ke dipego tsa dintwa kwa marekisetsong a majalwa ka jaana dingwe tsa dititeo tseo e a bo e le tse di masisi,” a bua jalo a tlhalosa fa dintwa tse go gobatsanwa ka dilo tse di bogale jaaka dithipa.
Gape o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong eno, bangwe ba banni ba ba amegileng mo dintweng bosheng kwa marekisetsong a majalwa ba robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown.
O supa fa se se ngomolang pelo ka dikgang tse e le gore di akaretsa banana ba e leng bone babusi ba ka moso.
Ka jalo, Kgosi Masisi o ne a ikuela mo bananeng go ikgapha mo ditirong tse di duleng mo tseleng tse di ka ba senyetsang isago.
O bile a kopa bagwebi ba majalwa go obamela dinako tsa theko le thekiso ya majalwa, le gore ba lese go tsenya metswako mo majalweng e ba sa itseng selekanyo sa yone le borai jwa yone mo matshelong a banwi.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Masisi o tlhalositse fa ba tlaa leka ka bojotlhe go gagamatsa setoropo mo go ba ba itlhokomolosang tsamaiso ya theko le thekiso ya bojalwa.
A bogogi le mapodisi ba tlaa nna ba tshwara diphuthego go buisana le banni go ba ruta ka tsamaiso e e lolameng ya theko le thekiso ya bojalwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : MABESEKWA
Event : POTSOLOTSO
Date : 19 Mar 2017






