Mojamorago o itshidisa ka dinotshi
19 Mar 2017
Mo botshelong re tshwanetse go supa ditiro tse re di abetsweng ka go dira ka matsogo go itshetsa.
Seo se ka tlhalosiwa ke morui wa dinotshi, Rre Mojamorago Botoka, ka a tswa bonyaneng a rata go tshwara dinotshi.
O ne gape a kgatlhega go bona batho ba rua dinotshi mo lenaneong la temo-thuo.
Mo potsolosong le BOPA bosheng kwa Serowe, Rre Botoka a re o simolotse go rua dinotshi ka 2013 a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka didirisiwa.
Gape ba ne ba mo isa thutuntshong ya go tshwara dinotshi ka 2012.
A re ene sa gagwe e ne ya nna go ipatlela dinotshi.
A re go rua dinotshi ga se tiro e e dingalo, a kaya gore go dira dinotshi go batla o di dira go sale phakela batho ba santse ba robetse gore di seka tsa ba loma.
Rre Botoka a re kgwebo ya gagwe e dira sentle ka gore fa a fetsa go ntsha mamepe bareki ba a fetsa ka letsatsi.
Morui a re ene o direla dinotshi mo lapeng, mme ob supang fa dinotshi tsa gagwe di sa sireletsega ka diji di mo tsentse fa le fa, a kaya fa le batho ba sa sireletsega ka di kgona go ba loma.
Rre Botoka a re fa e sale a thusiwa ke ba nyeletso lehuma botshelo jwa gagwe bo fetogile fela thata ka gore o kgona go itirela sengwe le sengwe se a se tlhokang ka dipoelo tse a di bonang mo kgwebong a sa kope thuso mo go ope.
A re o kgonne le go ipolokela madi kwa polokelong e bile o rotloetsa banana go boloka madi ka e le selo se se botlhokwa mo botshelong ka gore go tlaa nna le nako nngwe e e leng gore motho o tlaa bo a a tlhoka.
A re o na le kgwetlho ya gore ga a a fiwa didirisiwa di le mmogo mme se se mo pateletsa go ya go adima kwa go ba bangwe.
A re selo se se dira gore kgwebo ya gagwe e nne bonya.
Ka jalo o kopile ba lephata la temo-thuo go mo thusa ka tse a di tlhokang mme ba ne ba mo solofetsa fa ba tlaa mo thusa.
A re e nngwe kgwetho ke gore o sale a kopile setsha mme le gompieno ga ba mo kgwe dikgaba, a kaya fa go direla mo lwapeng e se selo se se siameng ka gore go baya matshelo a batho mo diphatseng.
O rotloeditse banana ba Botswana go inaakanya le mananeo a puso, a kaya fa a diretswe bone go ba thusa go inamola mo lehumeng la nta e tshetlha, gape e le mananeo a mahala.
Rre Botoka o kgadile mokgwa wa go nna fela ga batho sa bone e le go baya mo pusong.
A re ke nako ya gore Batswana ba tlogele go nna fela ba sa dire sepe mme kwa morago ba bo ba re ba a sotlega mananeo a ntse a le teng. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Lesedi Kgosikhumo
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 19 Mar 2017






