Breaking News

Mapodisi a ikuela mo baruing

16 Mar 2017

 Sepodisi sa Kgatleng mmogo le lephata la twantsho matlhoko a leruo ba ne ba tshwere pitso ya go lwantsha bogodu jwa leruo kwa polaseng ya Masama ka Labotlhano.

Moono wa pitso e ne e le tsela nngwe ya go ikuela mo baruing gore ba tlhokomele leruo.

Mogolwane wa mapodisi, Senior Superintendent Kevin Mookodi o tlhalositse fa dikotsi tsa dikoloi tse di bakiwang ke leruo di wela tlase mme di ntse di sa nametse ka ntata ya go saila ga leruo mo ditseleng.

O boletse fa ka 2015 ba ne ba gatisa dikotsi di le lekgolo le bobedi mo Mochudi fela mme ngogola di wetse tlase go ya go masome a ferabobedi le bosupa mme a kaya fa e ntse e le dipalo tse di kwa godimo.

Senior Superintendent Mookodi o kopile barui go tlhokomela leruo gore le seka la saila mo ditseleng, segolo bogolo tsela ya A1 ka e na le motsamao o montsi bosigo.

O supile fa ba ageletse ditsela go kganela leruo go tsena mo ditseleng mme di ntse di tsweletse di bonala mo ditseleng go supa fa sengwe se sa tsamae ka fa tshwanelong.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa temo-thuo, Mme Babusi Hill o tlhalositse fa kgomo e le botshelo jwa Motswana.

Mme Hill o boletse fa barui ba tshwanetse go tshwaragana le banni gore ba tle ba thusane ka tsa ntebele ke go lebele go hema bogodu jwa leruo, a tlatsa ka go re go itsane le go itsisisane ba masika le ditsala go ka thusa go farologanya legodu le ba ba mo lwapeng.

O kopile barui gore ba seka ba nna ka dikgomo di sa tshwaiwa mme e bile di saila mo mebileng ka magodu a ka di utswa mme a di fa letshwao la bone, a tswelela ka go re fa namane e le dikgwedi tse tharo e tshwanetse go tshwaiwa.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi George Thwane wa Artesia o lebogetse ba sepodisi le ba lephata la twantsho matlhoko a leruo go bo ba bone botlhokwa jwa leruo mo matshelong a Batswana, a tlhalosa fa kgomo e le yone e godisang itsholelo ya Botswana e sala morago diteemane.

O tlhalositse fa barui ba na le kgolagano le leruo ka e le lone le ba tshedisang mme e bile a tlhalosa fa Batswana ba nna le boitlhobogo fa sengwe se diragaletse leruo la bone.

Kgosi Thwane o tlhalositse fa magodu a tshwanetse go tseelwa tetla ya go itlhophela kwa ba sekang teng fa ba tshwerwe ka mmakaseterata a tsaya lobaka go sekisa, a tlatsa ka go re basupi ba felela ba tlhokafala pele ga tsheko mme bosupi bo latlhege.

O tlhalosa fa barui ba sa duele badisa sentle mme badisa ba rekise leruo go ituela, a tlatsa ka go re moono mongwe fela gore morui a itse leruo la gagwe, a seka a fa modisa a le nosi morwalo wa go itse leruo lotlhe.

Mogolwane wa komiti ya thibelo borukutlhi mo Kgatleng, Mme Naomi Lekgabe o tlhalositse fa tshwaragano ya motia gareng ga badisa le barui e le konokono mo go kganeleng bogodu jwa leruo, a tlatsa ka go re ga go na se se ka bakang bogodu fa lerato le le teng.

O boletse fa badisa ba le botlhokwa mo ntweng kgatlhanong le bogodu jwa leruo ka ke bone ba tlholang le dikgomo kwa merakeng beng ba tsone ba le kwa magaeng.

Mme Lekgabe o kopile gore barui le badisa ba ikopanye le bone go thusanya ka maano a go kganela bogodu, a tlatsa ka go re gongwe maano a ba nang le one ga e sa tlhole e le a motia jaanong ba tlhoka a masha a a ka itseweng ke badisa le barui.

O rotloeditse gore gongwe le gongwe fa botshelo jwa motho bo leng teng, e ka tswa e le masimo, moraka le kwa gae, go tshwanetse ga nna le ntebele ke go lebele ka magodu a kgona go ipaya e kete ke beng gae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MASAMA

Event : Pitso

Date : 16 Mar 2017