Go tlhokomela dijalo go ka totisa tlhobo
16 Mar 2017
Lekgotla la Mmadinare South Farmers Association e rile bosheng la tshwara letsatsi la mhero.
Letsatsi leo le ne le tshwaretswe kwa masimong a Mhatane, Mmatau le Nkwanapedi.
Go ya ka modulasetilo wa mokgatlho, Rre Motshegetsi Mogotsi, maikaelelo a letsatsi leo ke go ithuta ka methale ya go tlhagola.
Rre Mogotsi a re balemi ka bontsi ba supile maiteko a go tlhagola mme ba paledisitswe ke pula e e neleng ka bokete mme mhero wa hupetsa dijalo.
Mo leetong le le neng le okile balemisi ba kgaolo ya Mmadinare le komiti ya balemi ya Mmadinare North Farmers Association, go supagetse fa balemi ba dirisa methale e e farologanyeng ya go tlhagola.
Kwa Nkwanapedi kwa tshimong ya ga Rre Mompoloki Oatlhotse kwa tiro ya go lekola masimo e neng ya wela gone, go supagetse fa a sa ntse a tshwere mokgwa wa go itemela ka ditonki mme a lema ka ditselana.
Rre Oatlhotse yo o dingwga di masome marataro le bobedi, a re didirisiwa tse a di dirisitseng ke tse a di itiretseng di tshwana le mogoma, motshine o o silang, o o tlhophang dinawa le o o tlhagolang.
A re se se monate ka motshine o o tlhagolang wa sekofole ke gore motho o kgona go o dirisa a le nosi mme o ka tlhagola ekere ka letsatsi.
Rre Oatlhotse yo o lemileng diekere di fera bobedi, o kgonne go tsaya kgwedi gore a fetse go tlhagola ka sekofole, a re go motlhofo thata ka a setse a rutile ditonki tsa gagwe go tlhagola.
E ntse e le mo tirong ya go ithuta ka methale ya go tlhagola, rabalemisi wa kgaolo, Rre Onne Monamisi o supile fa balemi ba kgaolo ya Mmadinare ba itse mosola wa temo ka masimo a bone a tlhagotswe e bile dijalo tsa bone di godile.
Kwa bofelong, Mma Balemisi wa kgaolo ya Mmadinare Borwa, Mme Mesiah Kgathi o rotloeditse balemi go itse dipeo tse di bogadi bo gaufi ka di ka ba busetsa thobo e e nametsang, bogolo jang ka dipula di sa tlhole di ikanyega.
Mme Kgathi a re puso e dirisa madi a mantsi go reka dipeo gore Batswana ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng go jewa le gone go rekisiwa kwa mafatsheng a sele.
A re seo ga se diragale ka balemi bangwe ba lema mme kwa bofelong ba tlogele dijalo di jewa ke mhero mme a ba rotloetsa go lema mo go lekaneng gore ba kgone go tlhokomela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Letsatsi la mhero
Date : 16 Mar 2017






