Breaking News

Mokgatlho o fetola matshelo

16 Mar 2017

Moeteledipele wa mokgatlho wa Child Evangelism Fellowship wa kgaolo ya bokone, Mme Constance Chankoloba a re mokgatlho wa bone o tsweletse sentle ka jaana ba atlega mo maitekong a bone a go leka go fetola matshelo a bana.

Mme Chankoloba yo o dingwaga tse di masome marataro le bosupa a re ba ba ruta le go ba lemotsha tsela e e molemo ya go tshelela mo tumelong.

O tlhalositse fa mokgatlho wa bone mo bokone o akaretsa maloko a bomme ba le batlhano e bong bomme Gosaitse Mandise, Monica Zibane, Dikhutsafalo Matheo, Magret Kamanya ga mmogo le ene.

Mme Chankoloba o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore ba dira tiro e ya go ruta le go lemotsha bana go tsweng kwa moding bomolemo jwa go tshelela mo tumelong ka go etleetsa mowa wa boithaopo le boipelego.

A re seo se ka ba thusa go menagane go ikgapha mo maitsholong a a sa letlelesegeng mo setshabeng a a ka feleletsang a ba senyetsa bokamoso.

Mme Chankoloba o tlhalositse fa go tshelelwa mo dipakeng tsa diphetogo di tshwana le mewa ya bosaatane, tiriso botlhaswa ya nnotagi, maduo a a ileng tlase a baithuti, botlhokatsebe ga mmogo le tiriso botlhaswa ya maranyane a segompieno.

A re ke gone ka moo ba boneng go le molemo go tla ka methale ya go itepatepanya le diemo tsa go nna jalo.

Gape o boletse fa ba ne ba simolodisa mokgatlho oo mo bokone gore ba nne ba etela dikole le malwapa go buisanya le bana ka maikaelelo a go ba tlhatlhelela ditsela tse di molemo tsa botshelo, gore kgabagare ba seka ba iphitlhela ba latlhegetswe ke lesedi la tsela ya bokamoso.

O ne a supa fa mokgatlho o sa itebaganya fela le go kgothatsa bana ka lefoko la Modimo, ka jaana ba nna le sebaka go buisanya le bana kwa bothokong mabapi le tse di ba amang letsatsi le letsatsi.

“Gangwe le gape re nna le metsotsonyana go buisanya le bana ba, bogolo jang ba ba nnang ka go tshwenyega kgotsa re bona ba sa iketla mo meweng mo go feletsang go baka gore ba seka ba dira sentle mo dithutong kwa sekoleng,” a bua jalo.

O ne a tlatsa ka go re fa ba itemogela diemo di akaretsa ngwana a sa nne sentle kwa lwapeng kgotsa a dirisiwa botlhaswa mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo, ba feletsa ba akaretsa ba ba lebaneng jaaka ba boipelego go thusa.

Mma Chankoloba o ne a tlatsa ka go re fa ba kopana le ngwana kgotsa lelwapa le le tlhokang thuso, ba nna le mowa wa bobelotlhomogi go thusa ba ba tlhokang.

O tlhalosa fa e le gone jaaka ba a bo ba supa fa ba araba mokgosi wa ga Tautona wa gore re nne tshaba e e mautlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

E re le ntswa go ntse jalo, Mme Chankoloba o tlhalositse fa ba lebanwe ke dikgwetlho tse di akaretsang letlhoko la madi a go tlamela maikaelelo a bone go fitlhelela dikgaolo tsotlhe tsa bokone.

A re gape mangwe matshwenyego a ba a itemogetseng ke gore setshaba se sa ntse se le maoto a tshupa go ka tsena mo ditirong tsa boithaopo jaaka ba le palo potlana jaana.

Gape o ne a tlatsa ka go supa fa mo dinakong tse dingwe kwa ba fitlhelang bana ba dirisiwa botlhaswa, botsadi bo na le go batla go bipa mpa ka mabele.

E re le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go nna jalo, a re ga ba kitla ba boela morago go diragatsa maikaelelo a bone go fetola matshelo a batho.

Mme Chankoloba o bile a gwetlha Batswana ka kakaretso gore go age mo dipelong tsa bone gore nako e gorogile gore ba tsosolose mowa wa boithaopo le boipelego go direla lefatshe leno.

A re o dumela gore fa mongwe le mongwe a ka ititaya sehuba a dira jalo, lefatshe leno le ka tswelela thata mo dikgannyeng tsa ditlhabololo mme e bile le ka kgona go tswelela le tshegetsa serodumo sa lone sa go itsege ka kagiso le thokgamo.

“Ga gore re le batho jaana re na le ditlhaloganyo le bokgoni re bo re baya fela mo pusong gore e nne yone e re direlang sengwe le sengwe.

Re tshwanetse ra nna le gore re tswe puso thuso go e imolola morwalo,” a gakolola jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TATISIDING

Event : Potsolotso

Date : 16 Mar 2017