Breaking News

Pula e sentse temo

17 Mar 2017

Mogolwane wa balemisi ba kgaolo ya Bobonong, Rre Moemedi Mogolo a re dipula tse di neleng ka bontsi kwa Bobirwa di amile dijalo thata.

O buile jaana mo potsolotsong le BOPA, a re dipula tse di amile magapu ka a ne a bola a sale mannye ka lebaka la pula e ntsi.

O boletse fa mabele a a neng a setse a siametse go rojwa a netswe ke pula mo a feletseng a bola a ise a rojwe.

A re mangwe a ntshofetse, selo se se diragalang gantsi fa mabele a a setseng a siametse go rojwa a ka nelwa ke pula a ise a rojwe.

Rre Mogolo a re balemi ka bontsi ba ne ba lemile dipeo tsa mmoulo tse di bogadi bogaufi.

O boletse fa dipeo tse, di tsaya dikgwedi tse tharo  gore thobo ya tsone e bo e siametse go rojwa, segolo jang mmidi le mabele.

A re Balemi ba ne ba itemogela fa dijalo tsa bone e bong mmidi le mabele di ne tsa siamela go rojwa ka pele nako e pula e neng e tsweletse ka go na ka bontsi.

Rre Mogolo a re balemi ba ne ba kgorelediwa ke pula go roba ga mmogo le go tlhoka mabeelo a a siameng gore thobo ya bone e seka ya angwa ke pula fa e sena go rojwa.

O kgothaditse balemi go bega thobo ya bone kwa balemising gore puso e tle e kgone go itse ka fa mananeo a e thusang balemi go lema a dirang ka teng.

A re thobo e begwa e le mo seemong se se sa siamang kgotsa se se siameng.

Molemisi wa Bobonong Borwa, Rre Justice Tlhagale a re dipula tse dinamagadi gantsi di tlhotlholetsa go nna teng ga diji.

O rotloeditse balemi go bega diji tse di kwa masimo ka bofefo gore ba tle ba thusiwe go di laola.

Modulasetilo wa komiti ya balemi ba Bobirwa, Rre Peter Mavona o boletse fa dipula tsa monongwaga di bakile gore thobo e wele tlase.

A re pula e gape e paledisitse balemi go laola mhero.

Rre Mavona o gakolotse balemi go lema ditema tse ba ka kgonang go di bereka ba lebile bokgoni jwa bone.

A re balemi ba fedise mokgwa wa go  lema ditema tse dintsi ba lebile fela gore ba tsile go duelelwa.

O boletse fa se se dira gore ba felele ba palelwa ke go tlhagola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 17 Mar 2017