Breaking News

Tona wa dikgaolo o rarabolotse kgang

15 Mar 2017

Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Letlhakeng Borwa e tlhophilwe gape morago ga gore e e neng e le teng e tsee ditshwetso dingwe kwa ntle ga kitso ya morafe le ofisi ya boipelego.

Ka jalo morafe wa tsaya tshwetso ya gore go seegelwe kwa thoko maloko a yone a le marataro.

E rile a amogela baeng kwa kgotleng, mothusa kgosi, Tumelo Puleng wa Letlhakeng, a supa fa ba tsile go utlwa phetolo ya ga tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber

Tsogwane morago ga gore maloko a marataro ao a ikuele gore kgato e ba e tseetsweng ga e ka fa molaong.

Mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Nigel Mangoye, o ne a supa fa tona a tsere tshwetso ya gore maloko ao a ntshiwe mo komiting, a supa gore maloko a a kobilweng ao, a na le sebaka sa go emela ditlhopho tsa VDC morago ga dingwaga tse tharo, a bo a kopa morafe wa Letlhakeng gore o seka wa kgaoganngwa ke kgang e.

O supile fa maloko a mane a a neng a setse a tlaa tswelela a le mo maemong a one, mme go tlaa tlhophiwa maloko a le marataro a a tlatsang komiti eo.

Rre Mangoye o ne a supa fa ditiro tsotlhe tsa komiti ya ditlhabololo tsa Letlhakeng South di eme ka ntlha ya gore maloko a marataro ao a ne a isitse boikuelo kwa go tona, a supa fa go ne go tshwanela gore ba emele tshwetso ya ga tona.

O supile gape gore ba ba neng ba ikuetse ba ne ba se molato go dira jalo, ka ba ne ba supa maikutlo a bone, ka jalo fa ba eletsa go emela ditlhopho tsa VDC mo nakong e e tlang, ba na le tshwanelo ya go dira jalo.

Morafe wa Letlhakeng o ne wa supa fa o itumelela tshwetso e tona a e tsereng, mme ba kopa gore ba boipelego ba nne gaufi le komiti e e tlaa tlhophiwang gore ba seka ba dira diphoso.

Ba ne ba tswelela ka go tlhopha maloko a marataro a a tlatsang komiti eo kwa bofelong jwa phuthego gore ditiro tsa komiti di tle di tswelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Mar 2017