Breaking News

Mapodisi kwa Shoshong a tlhotlhomisa loso

15 Mar 2017

Mapodisi a Shoshong a tlhotlhomisa loso lwa monna wa dingwaga tse di masome marataro le botlhano yo go belaesegang a shwetse mo ntlong ya Setswana. Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Shoshong, Superintendent Tawana Tawana o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse beke e e fetileng mme ba ne ba itsisewe ke ba losika lwa moswi.

O tlhalositse fa moswi a ne a ragosediwa kwa kokelong ya motse kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.

Rre Tawana o tlhalositse fa ba ise ba itse se se bakileng molelo oo mme ditlhotlhomiso di tsweletse. Mo go tse dingwe, Superintendent  Tawana o tlhalositse gape fa ba amogetse pego ya ditlou tse di utlwalelwang kwa masimong a Lesetwane le a Mapapeng mo tseleng ya   Mosolotshane-Serowe.

O tlhalositse fa ba amogetse dipego ka beng ba masimo ao, fa bangwe ba supa fa ditlou tseo di sentse dijalo le diterata mo masimong.

O ne a gakolola banni ba masimo gore ba seka ba leka go koba ditlou tseo ka dintsa ka ditlou di sa utlwane gotlhelele le dintsa.

O gakolotse gape gore banni ba nne podi matseba ka tlou e le phologolo e e borai e bile e sa rate modumo.

A re e re ba di bona ba seka ba di tsosetsa modumo ba re ba a di koba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Samuel Morewabone

Location : SHOSHONG

Event : Pego ya mapodise

Date : 15 Mar 2017