Boora Baipidi ba abela kokelwana
15 Mar 2017
Ba lelwapa la ga Baipidi kwa Mogapi ba abetse kokelwana ya motse oo didirisiwa tsa botsogo di tshwana le dikolotsana tse di dirisiwang ke balwetse di le lesome le boraro, dithobane ga mmogo le motshine o o tlhatlhobang madi a matona.
Mothusa kgosi wa Mogapi, Kgosi Ishmael Ditsele a re ba lelwapa loora Baipidi ba tswa kgakala ba na le letsogo la go abela ba ba tlhokang.
Kgosi Ditsele o ne a bua jaana kwa moletlong wa go aba dinpho, a re ba lelwapa loora Baipidi ba dira tiro ya go neela ka lorato e bile ba phuthulogile mo moweng ba itse gore tuelo ya bone e tlaa tswa kwa Modimong.
Kgosi Ditsele o ne a rotloetsa setshaba go kopa dilo tse di ka tsogang di solegela matshelong a bone molemo le ba ba tshelang le bone.
E rile a aba dilwana tseo boemong jwa ba lelwapa la gagwe, Rre Baipidi a supa fa dingwe tsa dilwana tse a neng a di abela kokelwana ya Mogapi a ne a di kopa kwa ditsaleng tsa gagwe tse a neng a dira le tsone kwa Amerika go simolola ka 2012 go fitlha ngogola, mme dingwe tsa tsone a ne a di reka ka madi a gagwe.
Rre Baipidi, yo e leng ngwana Mogapi, a re o ne a dira jaana ka go bona letlhoko le le teng mo dikokelong tsa Botswana ka go farologana, a re go utlwisa botlhoko go bona molwetse a kgaramediwa ka kiribana kana a kukilwe, a re se se ka okeletsa molwetse ditlhabi.
Rre Baipidi a re gore Mogapi a tlhabologe o tlhoka gore baagi ba bo ba eme ka dinao, a re maikaelelo le ba lelwapa la gagwe ke go tswelela ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng.
E rile a leboga, Dr Pako Mokgwane yo e leng mogolwane kwa kokelwaneng ya Maokatumo a kopa gore dimpho tse di abilweng ke ba lelwapa loora Baipidi di tlhokomelwe gore di seka tsa onala ka bonako le go thusa batho botlhe ka go lekalekana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MOGAPI
Event : Kabo dimpho
Date : 15 Mar 2017






