Khamphani e abela sekole madi
15 Mar 2017
Khamphani ya 2M Joint Venture e abetse sekole se sebotlana sa Madikwe kwa Bobonong P15 000 go dirisiwa mo moletlong wa go leboga barutabana ba ba dirang sentle.
Mogolwane wa khamphani e, Rre Kenny Ramatsela o boleletse BOPA mo puisanyong fa maitlamo a bone e le go araba mokgosi wa ga Tautona wa gore dikhamphani le batho ka bongwe ka bongwe ba thuse puso go tlhabolola le go tsamaisa dikole ka madi gore thuto ya lefatshe leno e tokafale.
Rre Ramatsela a re khamphani ya bone e ne ya itlama go dira se morago ga gore mogokgo wa Madikwe a kope dithuso tsa go dira moletlo.
O boletse fa khamphani ya bone e ne ya thusa Madikwe ka bofefo ka ba tlhaloganya botlhokwa jwa go tlhabolola thuto go tswa kwa moding.
A re lenaneo la go thusa dikole le teng mo ditirong tsa khamphani ya bone e bile ba setse ba kile ba abela sekole se sebotlana sa Matlapana kwa Maun ntlo ya dibalamakgolo e e lopileng P500 000.
Rre Ramatsela a re khamphani ya bone e dira ditiro tse e di neelwang ke puso, ke ka moo ba bonang go le maleba gore ba nne le seabe mo go thuseng puso go tlhabolola matshelo a batho.
A re khamphani ya bone e tlhola e dira ditiro tsa go abela setshaba gongwe le gongwe kwa e direlang teng.
O boletse fa khamphani ya bone e tlaa tswelela e thusa puso go tlhabolola matshelo a batho ga mmogo le go nna le seabe mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno.
Mogokgo Kelapile Patiko ene o tlhalositse fa go le botlhokwa gore dikhamphani di nne le seabe mo go thuseng puso go tlhabolola thuto.
A re go ka nna molemo fa puso e ka dira lenaneo le e lebogang dikhamphani tse di agang di nna le seabe mo go tlhabololeng matshelo a batho ga mmogo le go thusa puso go tlhabolola thuto.
O boletse fa go dira jaana e le mowa o montle, fa dikhamphani tse di dirang madi ka go neelwa ditiro ke puso di nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe.
Rre Patiko a re sekole sa gagwe se na le lenaneo la go dirisa madi a se thusiwang ke dikhamphani sentle.
A re dipego tsotlhe tsa go dirisiwa ga madi a, di a dirwa go kgotsofatsa dikhamphani gore di bone fa madi a bone a dirisiwa sentle mo ditirong tse di lebaneng.
Mogokgo o rotloeditse badiri ba sekole sa gagwe go dira ka natla ka dinako tsotlhe gore ba ntshe maduo a a kgatlhang a a ka okang dikhamphani gore di ikgolaganye le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 15 Mar 2017






