Kereke e thusa bana
15 Mar 2017
Kereke ya Dutch Reformed kwa Malolwane e itlamile go bulela bana ba dikhutsana le batlhoki dikgoro gore ba tlhokomelelwe mo kerekeng fa gare ga beke.
Se se tla morago ga gore mokgatlho wa Bakgatla Bolokang Matshelo (BBM) o kope lefelo la go tlhokomela bana ba bannye ba lenaneo la BBM Toddlers Playgroup mo motseng ba ka tshwara masome a robabongwe fa esale ngogola.
E rile a ema bakereki ka lefoko, moruti Patrick Kubyadi a ba gwetlha go baakanya kereke go e baya mo seemong sa go ka tlhokomelela bana ba bannye. Moruti Kubyadi o ne a gatelela fa seabe sa bone se tshwanetse sa bonala, a re go direla bana ke go beeletsa mo bokamosong jwa lefatshe.
O ne gape a ba rotloetsa go tsweledisa mowa wa go direla setshaba o Dutch Reformed e itseweng ka one le go tlhabolola matshelo a batho mo gae.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa BBM, Rre Thabo Lentswe o ne a tlhalosa fa ba eletsa go atolosa lenaneo la bone la playgroup mo metseng yotlhe ya Kgatleng, ka jalo a leboga maitlamo a kereke ya Dutch go bo ba ba reboletse go dirisa kereke ya bone.
Rre Lentswe o ne a tlhalosa fa BBM e sa dire dipoelo mme a gatelela botlhokwa jwa kemo nokeng ya setshaba.
A re maikaelelo a bone ke go netefatsa fa bana botlhe ba nna le sebaka sa go tsena sekole sa bananyana pele ga ba ka simolola mophato wa ntlha, a tlatsa ka go re ba ikaelela gape gore bana ba ba tlhokileng lesego mo setshabebg ba seka ba salela kwa morago mo go tsa thuto.
“Maikaelelo magolo a rona ga se go diga dikole tse di ikemetseng tsa bananyana ka gore rona re itebagantse fela le bana ba dikhutsana le batlhoki.
Re bereka le ofisi ya boipelego go dira ditshekatsheko mo motseng.
Ke bua se ka gore re setse re itemogetse fa re gotlhagotlhana le batsamaisi ba dikole tseo,” Rre Lentswe a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo, a re kwa mafelong a go senang dikole tsa bananyana ba tsaya bana botlhe ba sa tlhaole, e le tsela nngwe ya go fa bana thuto ya motheo e a rileng e botlhokwa mo kgolong ya bana.
Rre Lentswe o ne a gwetlha batsadi go tsenya letsogo go thusa ka se ba nang le sone, a re ntswa ba sa ba duedise, tshwaragano ya botsadi le botsamaisi e botlhokwa go netefatsa fa lenaneo le tswela bana mosola.
O ne a tlatsa ka go re go botlhokwa gore batsadi ba thusanye le kereke, segolobogolo mo go phepafatseng le go duela ditlamelo di tshwana le metsi.
E rile a tswa la gagwe, Mme Maikano Matlou Dutch Reformed o ne a kgothatsa bangwe ka ene go dira ba sa ngongorege, a re ke maikarabelo a bone gore ba baakanye kereke go e baya mo seemong se se ka tlhokomelelang bana.
Mme Lilian Senwelo le ene o ne a nesetsa tiro eo ya go bulela bana dikgoro pula, a re go ruta bana ke go ruta setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : MALOLWANE
Event : Phuthego
Date : 15 Mar 2017






