Kgosi Pleng o leboga puso
14 Mar 2017
Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng o lebogetse puso go bo e bone go tshwanela go bopa tshaba e e itekanetseng, ka go fa babereki letsatsi la go itshidila mmele le go itlhatlhobela malwetse.
O buile jaana fa a amogela baeng kwa letsatsing la botsogo kwa Letlhakeng bosheng, le le neng le rulagantswe ke ba lephata la botsogo el boitekanelo.
O supile gore le mororo puso e file batho letsatsi le, bontsi bo le ikgatholositse, a bo a supa gore fa ba ne ba le tsaya ka tlhoafalo ba ka bo ba ne ba tletse kwa lebaleng.
Kgosi Puleng o supile fa bontsi jwa batho ba ikaeletse go itlhatlhoba fela fa ba setse ba lwala, a supa fa se se felela se baka mosuke kwa dikokelong.
Mogolwane kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, Mme Felicity Nyoni, o ne a supa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go tsweledisa letsatsi la botsogo le le tlhomilweng ngogola ke Tona Thapelo Olopeng, go bopa setshaba se se itekanetseng.
O supile fa sepe se motho a batlang go se dira kamoso, a se baakanyetsa gompieno, ke sone se setlhogo sa letsatsi leo se neng se re, Re Tsamaela Kwa Botsogong Kamoso’.
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Rre Boammaaruri Otlhogile o ne a supa fa puso e leka bojotlhe gore go nne le botsogo jo bo itekanetseng, a supa gore le fa go ntse jalo HIV e tsweletse ka go jwelelela mo kgaolong.
O tlhalosa fa balwetse ba le 3 596 ba tsaya diritibatsi mo kgaolong, mme ba le masome a marataro le boraro e le bomme.
Molaodi o tlhalositse gore le ntswa palo ya balwetse e oketsega, baoki bone ga ba oketsege, se se dire gore go nne mosuke kwa dikokelong.
O tlhalosistse fa go le botlhokwa gore motho a itse botsogo jwa gagwe a ise a lwale, a supa fa go tlwaelesegile mo Setswaneng gore go twe motho o ole fela a sa lwala, a supa fa se se supa fa motho yoo a ne a lwala mme a sa itse ka a sa itlhatlhobela malwetse.
O kopile batho gore ba seka ba aja dijo tse di nang le mahura a mantsi, ba je dijo tsa maitseboa dioura di le pedi pele ga ba robala le gone go fokotsa menono.
O supile fa batho ba maloba ba ne ba bereka ditiro tse di sidilang mebele, a bo a supa fa bana ba gompieno ba seke ba tshameka, mme se se sa siamela botsogo jwa bone.
E ne erile a ntsha la kgothatso, Moruti Keolopile Mpaleng wa UCCSA kwa Letlhakeng, a bala lekwalo la ga Jeremia kgaolo ya lesome le bosupa, temana ya lesome le bone e e neng e balega e re, Mphodisa Jehofa mme ke tla a fola, mpoloka mme ke tlaa bolokwa.
Moruti o ne a kopa Batswana go ikanya Modimo, a supa fa e rile ngogola ba kopa pula mme monongwaga a e ba neseditse, a bo a ba kopa go lebogela dineo tse Modimo a di ba fileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 14 Mar 2017






