Ba ga Mmabesi ba isa malebo
14 Mar 2017
Morafe wa Serowe o ne o tshologetse kwa kgotleng go isa mabutswapele le go lebogela Modimo dipula tse di namagadi tse di ba leretseng thobo.
Modiro o, o o neng o tshwaretswe kwa kgotleng kgolo bosheng, o ne o okile banni le dikereke ka go farologana go tsisa malebo.
Dingwe tse di neng di tsisitswe ke mmidi, ntshe, dinawa, manoko le magapu.
Mo kamogelong ya morafe, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma o ne a tlhalosa fa tiro e e le e e faphegileng, bogolo jang ka se se supa gore ba kgathalela Modimo.
Kgosi Sekgoma o ne a rotloetsa morafe wa ga Mmangwato gore o tshwaragane.
Mo go la gagwe, molomaganyi wa tiro e, Mme Julia Bothasitse o ne a re tiro e ke go rurifatso moono o ba duleng ka one ka 2014, wa go itemoga le go latedisa ngwao.
A re ba ne ba isa kgang e kwa go Kgosi Sediegeng Kgamane mme a amogela mogopolo wa bone ka tsoo-pedi.
“Keletso ya rona ke gore re tshwane le merafe e mengwe, re nne le letsatsi la rona la ngwao jaaka ba Molepolole ba na le Dithubaruba.
Re sa ntse re tlaa kopana le ba bogosi ka kgang e, gore re nne le leina le le lebanyeng,” mme Bothasite a tlhalosa.
A re ke ka moo ba neng ba bona go tshwanela go rulaganya letsatsi la go tsisa mabutswapele.
A re mabutswapele a, a a tsisitsweng a ya kwa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama jaaka Kgosi Kgamane a laotse. Mma Bothasitse a re ntswa tiro e tsamaile sentle, ga ba a itumelela dipalo, bogolo jang tsa dikereke.
A re keletso ke gore ba ipaakanyetse letsatsi la thobo le le tlang ka Phukwi.
Mmakgosi Fikile Khama o ne a neela Kgosi Serogola Seretse mogopo, mme kgosi a loma mo boemong jwa ga rraagwemogolo.
Mma Bothasitse o ne a re go nna teng ga bahumagadi go botlhokwa mo tirong e, a re keletso ya bone ke gore ba rotloetsane.
Moruti Sylvester Kaimana wa kereke ya Roma o ne a kgothatsa morafe go tswelela ba tshegetsa tiro e, ka e le ka fa molaong wa Modimo.
A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a tletseng kagiso ka boeteledipele jwa lefatshe leno bo boifa Modimo.
Moruti Kaimana o ne a re ka ba tsisitse mabutswapele, Modimo o tlaa ba fenyetsa dikgwetlho tse di ba lebanyeng.
A re ngogola banyalani ba le sekete ba ne ba kgaogana, fa ba le sekete le makgolo a mane ba le mo tseleng ya tlhalano. A re se se a tshwenya, mme e bile e le nngwe ya tse Modimo a tshwanetseng go ba thusa mo go tsone.
Moruti Kaimana a re botagwa, boaka, malwetse le dikotsi tsa dikoloi di a tshwenya.
Kgosi Seretse ene o ne a leboga Modimo gore jaaka ba ne ba boloditse letsema, maduo a a bonala. A re ke sone se ba lebogang Modimo ka thobo e a ba segofaditseng ka yone.
A re go a itumedisa go bona gore malapa a na le se ba se jang.
Baruti ka go farologana ba ne ba rapelela matlhoko a a apereng lefatshe leno, dikereke le tsone tsa natetsha letsatsi ka melodi e e farologaneng go isa malebo kwa go Ramasedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 14 Mar 2017






