Monana ga a neela tshwene marapo
14 Mar 2017
E re ka malatsi ano banana ka bontsi ba ikaegile ka mananeo a puso, monana wa kgotla ya Basimaneng, Gaonyadiwe Thapi o ne a ipelega ka go ya go ithuta tiro ya diatla le ba Naledi Baptist Church go itshetsa kwa Gaborone.
Mme yo, wa dingwaga tse di masome mararo le borataro o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore ntswa a ne a ntse a bereka e le modisadikago, tsala ya gagwe e ne ya mo laletsa go ya go ithuta tiro ya diatla ka se se ka tlatsa dituelo tse a di amogelang. Mme Thapi, yo o tllholegang kwa Serowe, o ne a ithuta go dira dikgwama tsa bomme, dibaga tsa melala le go roka.
“Re dira tiro e ntsi ka diatla jaaka malengana, mekgabisa, dikgwama e bile go roka ka motshine ga go gontsi,” a bua jaana a supa selopo sa mosamo se a neng a se kgabisa ka diatla mme a supa fa a tsile go dirisa motshine fela a setse a se kopanya.
Mme Thapi o tlhalositse fa a sa ntse a le mo dithutong mme a setse a ithutile go le gontsi.
O supile fa a itumeletse dithuto tse ba di anywang mo go Mme Edna Carrmona yo o leng leloko la kereke eo go tswa kwa Brazil, a tlhalosa fa ba rutwa mahala.
“Mme Carmona ke mongwe wa baithaopi ba Naledi Baptist ba ba tsileng go re ruta tiro ya diatla mahala, se e le tsela nngwe ya go rudisa itsholelo ya bomme ba Batswana,” a tlhalosa jaana a supa fa ene a ela dithuto mme go sa patelesege gore e bo e le leloko la kereke.
O boletse gape fa ba rutwa botsipa jo e le maloko a bomme ba setlhopha ba le masome mabedi le botlhano mme ba ipiditse Blessed Hands Group.
Mme Thapi o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go tswelela e nna setlhopha mme ba rute bomme ba bangwe go roka le go dira mekgabisa ya bomme le dikgwama gore ba rekise ba ithuse ka dipoelo.
“Keletso ya rona ke go ruta bomme ba bangwe mo magaeng a rona go godisa kgwebo le go amogana botsipa.
O supa fa kereke e ba solofeditse fa ba tlaa ba ema nokeng ka go ba thusa go ya go supa dilwana tsa bone kwa ditshupong dikgolo tsa Gaborone monongwaga mme gape ba ba thuse go di bapatsa le kwa Brazil.
A re gape fa bangwe ba bone ba dira sentle, ba kereke ba supile fa dilwana tsa bone di tlaa ya go bona mmaraka kwa Brazil kwa ba tlaa yang go ya go phadisanya le ba bangwe teng.
O tlhalosa fa ene a setse a rutile mme mmaagwe yo o setseng e le moroki gore a atolose kgwebo ya gagwe.
Mme Thapi o rotloeditse banana go inaakanya le mekgatlho e e tshwanang le dikereke go ithuta le go ithaopa mo go yone go itsa go ikaega fela ka dithuso tsa puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgalalelo Osenkeng
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 14 Mar 2017






