Breaking News

Tshireletso o rarabolola ketsaetsego

14 Mar 2017

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o tlhaloseditse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Jwaneng gore madi a P10 million a a fiwang dikgaolo tsa botlhophi ke a ditlhabololo tse di itebagantseng le merafe kwa moding.

O buile jalo kwa phuthegong e a neng a buisa maloko a dikomiti tseo ga mmogo le baeteledipele ba toropo ka Labotlhano.

A re go nnile le ketsaetsego ka bangwe ba ne ba sa tlhaloganye gore lenaneo leo le tshwanetse la tsaya sebopego se se ntseng jang, mme baeteledipele bangwe ba felela ba le phatlaladitse le ise le wele.

A re ka jalo o bone go tshwanela gore a tlhalosetse ba-na le seabe gore madi ao a itebagantse le ditlhabololo kwa magaeng mme e bile merero ya one e tshwanetse ya tshwaraganelwa ke botlhe ba ba tsamaisang ditlhabololo tsa magae le ditoropo.

O ba gakolotse gore maloko a dikomiti a berekisanye le morafe le makhanselara go dumalana ka ditiro tse ba bonang di tshwanetse tsa dirwa ka madi ao.

O boile gape a tlhalosa gore ditiro tsotlhe tse di tlaa dirwang di tshwanetse e bo e le tse di tlaa tsenyetsang dikomiti tsa ditlhabololo madi, mme gape di tokafatsa matshelo a batho.

A re ditiro tseo gape di tshwanetse tsa tlhamela beng gae mebereko.

O kopile makhanselara gore ba kopane le maloko a dikomiti tsa dikgaolwana tsa bone ba dumalane ka ditlhabololo tse ba eletsang di ka solegela setshaba molemo.

A re gape go netefadiwe gore ditiro tseo fa di dirwa banni ba Jwaneng e nne bone ba obang letsogo go na le go tsaya batho kwa mafelong a mangwe.

Mothusa tona o ne a lebogela dikomiti tseo seabe sa tsone mo go tsamaiseng ditlhabololo tsa metse mo boemong jwa puso.

A re ba filwe maikarabelo a go bona gore ditlhabololo di tsamaisiwa sentle kwa meding mme e bile go sa gopelwe puso. A re gape ke bone matlho a setshaba a a lebelelang gore ditlhabololo di a dirwa le gone gore batho ba thusiwa ka mananeo a a ba tshwanetseng.

Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso a re o lemoga dikgwetlho tse maloko a dikomiti tsa tlhabololo a nang natso, a akaretsa dikatso tse di kwa tlase le ntswa tiro ya bone e le tona.

A re lephata la gagwe le tsweletse ka go sekaseka kgang e go bona gore ba ka akanyediwa jang.

O boile gape a supa matshwenyego ka maloko a dikomiti a a tsenang diphuthego tse di duelelwang fela mme a lofela tse dingwe. A re go dira jaana ke go tlhoka maikarabelo e bile go dia ditlhabololo.

O ba kopile gore ba dire tiro ya bone ka botswapelo e bile botlhe ba nne le seabe mo go tseeng ditshwetso tsa ditlhabololo.

E rile ba mo kgwa dikgaba, maloko a dikomiti tseo a lebogela gore tona o tlhaloganya selelo sa bone sa dikatso tse di kwa tlase ntswa ba tsamaisa mananeo a tshwana le la Ipelegeng.

Ba ne gape ba supa fa bontsi jwa bone e le banana e bile ba senka botshelo jo bo botoka, ka jalo ba kopa gore dikatso tsa bone di okediwe di tle di ba okele go tsena mo dikomiting.

Ba kopile gore go lejwe bone pele fa go na le ditirelo tsa sennelaruri mo pusong e le tsela ya go lemoga boithaopo jwa bone mo dikomiting.

Mme Keneilwe Kepu wa kgaolwana ya Masaasele o ne a supa fa dikomiti di tlhokana le go agelwa matlwana a mabeelo go itsa go baya didirisiwa kwa malwapeng.

O ne gape a kopa gore maloko a dikomiti tsa ditlhabololo a tlhatlhelelwe go ruta morafe ka malwetse a a borai a tshwana le HIV/AIDS le kankere. A re se se ka thusa gore e re ba na le diphuthego ba amogane dithuto tse di maleba le setshaba go thusa puso go lwantsha malwetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego

Date : 14 Mar 2017