Breaking News

Morafe o tsibosiwa ka letshoroma

15 Mar 2017

Banni ba Sese ba tlhagisitswe go ipabalela mo bolwetsing jwa letshoroma jo bo gakaditsweng ke dipula tse di neleng bosheng.

Tlhagiso e e tsile ka mogolwane mo lephateng la botsogo kwa Jwaneng, Mme Veronica Moamogwe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane, Rre Shawn Ntlhaile.

Mme Moamogwe a re e re ntswa bolwetse jwa letshoroma bo ntse bo utlwalelwa thata kwa mafelong a go nang le metsi a mantsi, bosheng go supegile fa bo utlwalelwa le mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno.

A re go botlhokwa gore batho ba ipabalele gore bolwetse jo bo seka jwa ba tsena ka jaana bo le borai.

O gakolotse gore go aparwe diaparo tse di khurumetsang bontsi jwa dikarolo tsa mmele go itsa go longwa ke montsana.

O boile a kopa batho gore ba tlhagole tikologo ya bone ba bo ba ntshe metsi a a emeng ka jaana e le gone kwa montsana o tsalelang teng.

O supile gore dipula tse di neleng bosheng di tsile ka letlhatso le letshololo, mme a gakolola gore go dirisiwe metsi a a phepa ka dinako tsotlhe.

A re metsi a a beelediwang a tshwanetse go bedisiwa pele ga a ka dirisiwa.

O gakolotse gore go seka ga bewa metsi lobaka lo lo leele ka jaana a felela a kgotlelesegile mme a bake letlhatso le letshololo.

Mo go tse dingwe, Mme Moamogwe o ne a bolelela morafe wa Sese fa puso e boloditse letsholo la go dira loaro lwa borre.

A re se ke nngwe ya ditsela tsa go fokotsa kanamo ya HIV, ka jalo go botlhokwa gore ba dirise lenaneo leo.

A re mo kgaolong ya Jwaneng ditirelo tsa go dira loaro lwa borre di bonwa kwa kokelwaneng ya Sese le ya Unit 7 kwa Jwaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : SESE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Mar 2017