Breaking News

Botsogo boitekanelo di ya thoteng di bapile

14 Mar 2017

Ngaka ya dijo kwakokelong ya Tsabong, Dr Moseja Dibotelo o rotloeditse badiri ba lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong go ja dijo tse di siametseng mebele ka se se ka thusa mo go tsheleng ba itekanetse ka dinako tsotlhe.

O ne a bua kwa letsatsing la botsogo le boitekanelo le le neng le rulagantswe ke ba lephata leo bosheng.

Dr Dibotelo a re go botlhokwa go fokotsa go ja dijo tse di nang le mahura a mantsi, letswai le sukiri mme segolo ba je merogo, maungo le dijo tse di nang le moroko ka e le tsone tse di siametseng go aga mmele  le go o sireletsa mo malwetseng. A re dijo tse di ka baka malwetse a a borai  a akaretsa jwa sukiri, pelo, madi a matona, monono o o feteletseng, go swa mhama le a mangwe.

O ne a rotloetsa batsaya karolo go itlhatlhobela malwetse  ka go le mosola mo go itseng botsogo jwa bone mme ba ka itseela dikgato tse di maleba nako e sa ntse e le teng.

Rre Dibotelo o ne a gakolola badiri gore go botoka go ipakela dijo fa ba ya ditirong go na le go reka kwa marekisetsong ka ba ka lekanyetsa le go tshwakanya ka fa go tshwanetseng ka teng.

A re e re ka jaana Kgalagadi a tshabelelwa ke mogote, go botlhokwa go nwa metsi a mantsi, bogolo selekanyo sa dilithara tse pedi ka letsatsi.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, modulasetilo wa komiti ya botsogo le boitekanelo mo Tsabong, Mme Gaone Gababoloke o tlhalositse fa e ne e le la ntlha ba tshwara letsatsi leo mme moono mogolo e le go simolodisa itshidilo ya badiri ka seo se ka thusa thata mo tokafatsong ya maduo a a eletsegang mo ditirong.

Mme Gababoloke o ne a gakolola badiri ka ene fa setlhogo sa letsatsi leo se se reng Botsogo Pele se rotloetsa go itshidila mmele  ka fa go tshwanetseng ka teng, a kaya fa mmele o tshwanetse go tsoga sentle le go sidilwa letsatsi le letsatsi.

A re fa badirelapuso ba ka inaakanya le go itshidila mmele go ka ba nonotsha tlhaloganyo, maikutlo le mmele.

Moruthuntshi wa tsa itshidilo  mo Tsabong,  Rre Steyn  Kefaletse o boletse fa go tlhoka go itshidila sentle go na le ditlamorago tse di ka felelang di ama tiro ka go tlhoka go bereka ka fa go tshwanetseng ka teng.

E re ka jaana botsogo le boitekanelo e le di ya thoteng di bapile,  Rre Kefaletse o ne a fa sekai gore  go bo koloi e na le lenaneo la go tlhatlhojwa morago ga lobaka lo lo rileng maikaelelo e le go bona gore a e itekanetse go dira ditiro.

Rre Kefaletse o gwetlhile ba ba neng ba tsene moletlo wa letsatsi leo  le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao le gone go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ba tseela kwa godimo botsogo jwa bone ka go tila go tsenwa ke malwetse a ba neng  ba ka a fema fa ba itshidila.

A re gape go itshidila mmele ba tlhoafetse go ka thusa badiri go laola go kgoberega ga maikutlo  go tshwana le letlhoko la madi le tse dingwe. O kaile fa go le mosola mo go thuseng setshaba ka maatlametlo  le gone go ntsha maduo a a eletsegang mo ditirong.

Mo letsatsing leo ba lephata la botsogo ba ne ba tlhatlhobela badiri malwetse a a farologanyeng a tshwana le madi a matona, sukiri, monono le HIV.

Ba botsogo ba ne gape ba ruta, ba gakolola le go tlhalosetsa badiri go etela kwa dikokelong go ya go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng, go rotloetsa bomme go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Letsatsing la botsogo

Date : 14 Mar 2017