Tlogatloga e tloga gale
14 Mar 2017
Mogolwane wa lephata la thuto mo Kweneng, Rre Mokwadi Tese o rotloeditse bana ba sekole se segolwane sa Sojwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go tsaya thuto ka tlhoafalo.
Rre Tese o buile se mo phuthegong ya bana le barutabana ba mephato wa boraro bosheng.
O kgothaditse bana go nna le kutlo mo batsading le barutabana, le go bulela dipelo dilo tse di siameng jaaka boitshwaro jo bo eletsegang gore ba pase. O boletse fa sengwe le sengwe se ngwana a se dirang fa a santse a le monnye se gola le ene, ka jalo go botlhokwa go itlwaetsa go dira tshiamo ba sa le babotlana.
Rre Tese o ne a gatelela sekai se ka go re magodu a leruo a simolotse ka go utswa moro kgotsa setoki sa nama. A re boitshwaro bo tshwana le go nna dinalanyana bo simologa mo ngwaneng a santse a le monnye mme bo gole le ene.
Rre Tese a re ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi le barutabana, o kgotlela tikologo e a tshelang mo go yone ka o ruta ba bangwe boitshwaro jwa gagwe.
Le fa go ntse jalo, o supile fa boitshwaro jo bo sa letlelesegeng jo, bo le motlhofo go tswa mo ngwaneng fa a emelwa ka dinao a sa le mmotlana ka a re lore lo ojwa lo sale metsi. O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba a reng ba omanya bana nako le nako le fa baya sekoleng tota, mme a re selo se se dira gore fa go rutwa ngwana yo a seka a anywa sepe.
O tlhalositse fa ngwana yo o kgothadiwang moso le moso fa a ya sekoleng a dira sentle ka a itse gore go solofetswe maduo a a itumedisang mo go ene.
O ne a tswelela ka go rotloetsa bana go tlotla batsadi ba bone ka a re ga ba kitla ba ba eleletsa bosula fa e se tswelelopele fela.
A re batsadi ba bua mo boemong jwa Modimo, mme yo o sa ba reetseng a tlaa timela mo tsamaong ya nako mme a iphitlhele a pholethamo fifing ka a tlhokile go reetsa Modimo.
Rre Tese o ne a tswelela ka go rotloetsa bana go ipaakanyetsa isago ba santse ba le mo sekoleng.
E rile a mo kgwa kgaba, moeteledipele wa komiti e e emetseng bana ba sekole, Kaone Motlhanka a kopa balekane ba gagwe go boloka mafoko a ga Rre Tese mo dipelong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : SOJWE
Event : Phuthego ya bana le barutabana
Date : 14 Mar 2017






