Banna ba tshwerwe ka dinama
13 Mar 2017
Mapodisi a Gerald kwa Francistown, a tshegeditse banna ba le bane ba ba fitlhetsweng ka dinama tsa dikgomo tse go belaesegang e le tsa bogodu.
Superintendent Edward Leposo wa sepodisi sa Gerald o tlhalositse se mo potsolotsong le BOPA ka Labone, a re dinama tseo go lebega e le tsa dikgomo tse tharo.
A re banna bao, ba ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi le masome a mane, ba ne ba tshwarwa ke mapodisi a Francistown ka nako ya bobedi mo mosong wa Laboraro fa dirobotong tsa ntlha go tsena mo toropong mo tseleng e e tswang borwa (A1).
O tlhalosa fa banna bao e le Batswana botlhe mme e bile ba tlholega kwa Shashemooke mo kgaolong potlana ya Tonota.
Superintendent Leposo a re banna bao ba supa fa ba ne ba tswa Shashemooke ka dikgomo tseo ba di isa lenyalong, mme le fa go ntse jalo matshwao a dikgomo tseo ka boraro a ne a senyakilwe.
E re dikgang di eme jalo Superintendent Leposo o ikuetse mo baruing go ntsha leruo mo toropong go le isa kwa merakeng.
A re ba setse ba itemogetse fa jaanong leruo, segolo bogolo dikgomo, di saila ka go rata le go kgona mo Francistown, selo se a kaileng fa se na le seabe se segolo mo go rotloetseng bogodu jwa leruo jo a kaileng bo sa ba bontshe boroko.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 13 Mar 2017






