Magosi a rotloediwa go tsenya letsogo mo thutong
13 Mar 2017
Kgosi Moeti Monyemana yo o e leng leloko la Ntlo ya Dikgosi go tswa Kgalagadi Bokone o rotloeditse dikgosi le magosana go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana.
Kgosi Monyemana o buile se mo khuduthamageng ya marara a Kgalagadi Bokone e e neng e tshwaretswe mo Hukuntsi maabane.
Kgosi Monyemana o supile fa dikgosi e le tsone tse di okametseng metse mme e bile ba okametse diphuthego tsa motse a re se se ba fa sebaka sa go kopana le setshaba, a kopa dikgosi go dirisa sebaka se go rotloetsa batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana le gone go thusa bana ka tiro ya bone ya sekole.
Kgosi Monyemana a re magosi le bone ba seka ba ipona tsapa go etela dikole tse di mo metseng ya bone go lekola bodiredi le baithuti a re seo se ka kgothatsa barutabana le bana ba sekole go dira ka natla.
E rile a tswa la gagwe Kgosi Basadi Seiponi wa Kang a supa fa magosi a goga dinao fa go tsena mo go tsa thuto, a bolela gore fa dikgosi di ne di na le seabe mo dithutong tsa bana, sekole se segolwane sa Matsha se kabo se sa tswa mo taolong.
O tsweletse ka go kopa magosi go tshwaragana le barutabana go laola boitsholo jwa bana mo dikoleng, a re seo se ka tokafatsa maduo le gone go aga bana, ba ba ka tsogang ba nna baeteledipele ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.
Go sale foo dikgosana tsa Kgalagadi Bokone di kopile go agelwa dioffisi tse ba ka berekelang mo go tsone, le go tshwarela diphuthego tsa dikgotlana teng.
Ba supa fa ba ntse ba tshwarela diphuthego mo sebatleng le fa tlase ga ditlhare mme ba re seo ga se a siamela seriti sa bogosi.
Ba tswelela ka gore fa go le dipula le diphefo ba tlamega go tlosolosa diphuthego ka ntlha ya go tlhoka fa ba ka tshabelang dipula le diphefo teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bojotlhe Kavari
Location : HUKUNTSI
Event : Khuduthamaga
Date : 13 Mar 2017






