Breaking News

Batswana ba kgothadiwa go tlhopha

14 Mar 2017

Mogolwane wa lephata le le ikemetseng le le tsamaisang ditlhopho, Rre Nyanga Nyanga o gwetlhile setshaba go lemoga fa go le botlhokwa go tsaya boikarabelo mo go diragatseng tshwanelo ya go tlhopha.

Rre Nyanga o dirile boikuelo joo kwa phuthegong ya maloko a diphathi ka go farologana kwa Francistown ka Labone, ka maikaelelo a go leka go batla ditsela tse ba ka di dirisang go ruta le go lemotsha Batswana botlhokwa jwa go tlhopha.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe yoo lekaneng go tlhopha a diragatse tshwanelo ya gagwe ya go tlhopha ka jaana go dira jalo e le nngwe tsela ya go rotloetsa ditlhabololo.

Rre Nyanga a re go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba go supa fa Batswana ba tlaa bo ba tsaya karolo mo go diragatseng ditshwetso tsa setshaba ga mmogo le go tiisa serodumo sa thokgamo ya lefatshe.

A re go tlhopha go thusa gape go roma ntlhophang yo batho ba mmatlang e bile ba na le tshepho mo go ene.

Rre Nyanga o bile a tlhalosa fa ba tsamaya ba buisa baithuti mo dikoleng gore bana ba gole ba itse mosola wa go tlhopha.

A re gape ba dirile gore lenaneo le le itebagantseng le go rotloetsa banana go tsaya karolo go tlhopha le tsosolosiwe.

O tlhalositse fa lenaneo leo le ne la phutlhama ka ditlhopho tsa 2004 ntateng ya letlhoko la madi a go atswa ba ba neng ba le tsamaisa.

Rre Nyanga o supile gape fa mo ditlhophong tsa 2004, banana ba selekanyo sa 23 mo lekgolong ba ne ba tsaya karolo le ntswa go dumelwa gore banana ke bone ba palo ntsi mo lefatsheng mme e bile e tshwanetse ya nna bone ba ba di gogang kwa pele mo ditirong tsa lefatshe.

A re go tlhoka go tsaya karolo ka bontsi mo ditlhophong ga banana go ba tshwenya thata mme ba ne ba dira gore ba nne le mekgwa ya go ba lemotsha botlhokwa jwa go tlhopha.

Rre Nyanga o tlhalositse fa e ne ya re morago ga gore ba tsee malebela mo makaleng a mangwe a botsamaisi jwa ditlhopho, ba simolodisa lenaneo la banana ka maikaelelo a go ipaakanyetsa ditlhopho tsa 2009 le 2014.

O supile fa lenaneo leo le ne la ba tswela mosola ka jaana dipalo tsa banana ba ba neng ba tsaya karolo go tlhopha di ne tsa gola.

A re ka 2009, ba bone koketsego ya selekanyo sa banana ba ba tlhophileng ya 29.4 mo lekgolong fa ka 2014 ba bone 40 mo lekgolong.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Phuthego ya maloko a diphathi

Date : 14 Mar 2017