Boteti Brigade e isa ditirelo kwa setshabeng
13 Mar 2017
Morutuntshi wa tsa kago wa sekole sa ithutelo ditiro sa Boteti Brigade, Rre Lebopo Mafuta a re dithuto tsa mohuta oo di bogadi bo gaufi.
Rre Mafuta o buile jaana kwa Mmatshumo mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke ba sekole seo e maikaelelo a yone e neng e le go isa ditirelo kwa bathong le go ba lekodisa ka diphetogo tse disha tsa sekole seo.
A re Boteti Brigade e okeleditswe dithuto jaaka tsa didiba tsa NCC, tsa dikgwebo le tse dingwe. Go godisitswe le tse dingwe tse di ntseng di le teng. O ne gape kaya fa maikaelelo a puso e le gore banana ba ithutele ditiro tsa diatla.
Rre Mafuta o tlhalositse gape gore sekole sa bone se ya go dirisa lenaneo la ditikologo tse pedi, a re dithuto di ya go simolola ka Phatwe fela jaaka dikole tse dingwe tsa ithutelo ditiro di dira.
A re ba ya go tsenya ipapatso mo DailyNews ka Motsheganong le Seetebosigo ngwaga le ngwaga.
Rre Mafuta a re ba itshwaragantse le dikhamphani ka go farologana go thusana gore ba ka tlhabolola dithuto tsa diatla jang le go kopela bana gore ba dire ikatiso mo go tsone.
A re tiro ya diatla e thata ka gore go na le dithuto tsa sekgowa, dipalo le maranyane, a tlatsa ka go re dipalo tsa bana ba ba batlang sekole di dintsi, ka jalo go dirwa ditlhatlhobo mme go tsewe ba ba fentseng.
Mongwe wa banni ba Mmatshumo, Rre Lefetamang Motswaiso a re thuto ya diatla e batla lerato le bopelotelele.
Rre Motswaiso a re banana ba bolawa ke gore ba batla dilo tsa bonako, a ba rotloetsa gore ba dirisane sentle le barutuntshi gore ba tle ba tlhaloganye dithuto.
Rre Balebi Ketimetse ene a re banana ba bereka Ipelegeng ka gore ga ba bone dikole le tsone tsa diatla tota.
O ne gape a re batswakwa ba tletse mo ditirong tsa diatla tse di ka bong di dirwa ke Batswana. Rre Ketimetse ene a re di-brigade di ganeletse mo lekwalong la JC go ya kwa godimo ba tlogela lekwalo la bosupa, ba e leng bone ba kabong ba ithuta tiro ya diatla.
Rre Matshidiso o ne a rotloetsa banana gore ba ba sa dirang sentle mo dithutong tse di batlwang ba iteke lesego gape gore ba tle ba kgone go bona sekole.
Mongwe wa banana, Rre Veron Bachemi o ne a supa fa dithuto tse di dirwang kwa Boteti Brigade di sa tsamaelane le ditiro tse di mo kgaolong tsa meepo, a kopa gore ba akanyetse go ruta dithuto tsa ditiro tse di dirwang kwa meepong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Mar 2017






