Di-tsa tlholego di ka fetola matshelo
13 Mar 2017
Motse mongwe le mongwe o na le se se o farologanyang le e mengwe, bogolo jang mo go tsa ditsatlholego.
Metse mengwe e itsege ka dithaba fa e mengwe e na le mebu e e kgatlhisang, mme Tshwaane ene o na le letsha le le nang le letswai le lentsi.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Ompeile Mochanang a tlhalosa fa letswai le le mo motseng wa bone le ka ba solegela molemo ka le ikadile le le lentsi.
A re ka jalo ba ikaelela go simolola go dirisa letsha le go dira letswai la dikgomo le le le apayang.
A re banni ba Tshwaane ba tlaa thapiwa mme go fokotse letlhoko la ditiro, selo se a reng gape se ka thusa go imolola puso mokgweleo wa go tlhokomela banni ba motse oo ba bontsi jwa bone ba leng dikobo dikhutshwane.
Rre Mochanang o supile gape fa go na le kwari mo motseng oo e mo go yone go silwang matlapa a a dirisiwang mo go tsa kago le go dira ditsela.
O kaile fa matlapa a e le one a a dirisitsweng mo tseleng ya Letlhakeng-Dutlwe.
O boletse fa ba ikaelela go simolola go sila mantswe a go dira motlhaba go o rekisa ka jaana motlhaba wa mofuta oo e le one o o nonofetseng kago. Rre Mochanang o supile fa a na le tshepho gore megopolo e mebedi e fa e ka atlega e ka tlhabolola motse.
E rile a ama tse dingwe, Rre Mochanang a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya diofisi tsa badirelapuso mo e bileng bangwe ba pataganetse ofisi le mmaboipelogo.
A re seemo sa tlhaelo ya diofisi se maswe mo e bileng le kgosi a kopanetse ofisi le mapodisi.
O ne a bolela fa go na le tlhaelo ya badirelapuso le tsone ditlamelo mo motseng ka ba felela ba di latela kwa Dutlwe mme a kopa gore ba tsisediwe mokenti ka ba latlhegetswe ke diruiwa tse dintsi fa ba sa ntse ba emetse mokenti go tswa kwa ntle.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boago Gaoatswe
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 13 Mar 2017






