Ontathile wa Dimajwe o bonwe
13 Mar 2017
Kgotla ya Dimajwe e ne e tletse sephetsa, itlho la ga Rakeobokile ka Matlhatso morafe o tsile go itseela bosupi mapodisi a a rola Peter Ontathile yo o neng a na le kgwedi a sa bonwe.
Go nyelela ga lekawana le la dingwaga tse di masome mabedi, go ne ga tsosa mekubukubu mo motseng o bosheng mo mohiri wa gagwe a neng a ketekwa koloi ya gagwe ya bo ya jewa ka molelo.
Go tla ga gagwe fela jaaka go nyelela ga gagwe, go ne ga ngoka banni ba motse ka dipalo tse di kwa godimo, ba ba neng ba leta lobaka lwa dioura tse nne mo kgotleng, selo se se neng sa batla go tsenya tlhobaelo mo go bangwe.
Mme ya re pele ga letsatsi le phirima mapodisi a goroga ka Ontathile, bontsi jwa goa ka boitumelo. Mogolwane wa mapodisi a Serule, Rre Lesole Mosimane o ne a kopa gore Rre Ontathile a tlhalosetse morafe gore o tswa kae, ka ba ne ba tshwenyegile ka ene.
Lekawana le le ne la tlhalosa fa le ne la ya Tonota go ya go rutwa go kgweetsa terekere ke rre Sebetso Kgokong, mme e rile morago ba simolola go lema mmogo.
Morago, terekere ya senyega, ka jalo a kopa go boela morago mme mohiri a dumalana le ene. Ya re Rre Kgokong a sale kwa morakeng, Onthatile a rwala dithoto, maikaelelo e le go leba Dimajwe, ntswa a ne a se na madi.
“Ka kopana le Rre Keithome Ramosesane fa mapalamelong a dikoloi mo Tonota, mme a mphira. O ne a nkisa kwa morakeng kwa Lebunyane, ka kwa Letlhakane. Ke gone kwa ke ntseng ke le teng.”
Ya re a ntsha la gagwe, Rre Ramosesane a rurifatsa fa a ile a kopana le Ontathile fa mapalamelong a dikoloi mme ba buisana ka tsa tiro, a mo thapa.
“Ke ne ke ntse ke itse Peter ka a kile a bereka kwa morakeng wa me ka 2014. Ya re ka 2015 a bo a re o ya go tlhola batsadi, a ba a tsamela ruri. Ka a ne a ntlhalosetsa fa tiro e fedile kwa ga Rre Kgokong, ka mo hira.”
Ka jalo a isa Onthatile kwa morakeng kwa Lebunyane, kwa a kileng a berekela teng. Mme ya re ka Labotlhano a tswa morakeng a bona gore go na le mongwe yo o kileng a leka go mo leletse mo mogaleng wa letheka, a leletse nomoro ya teng.
“Ke fa ke fitlhela e le rre wa tsala ya me, a mpolelela fa a badile polelo mo DailyNews mme a belaela motho yo o batlwang e le mmereki wa me.”
A re o ne a tlhanyega a ba a ikisa kwa mapodising a Tonota, kwa a ileng a rurifatsa fa tota e le mmereki wa gagwe yo o batlwang.
Ka jalo ba itshwaraganya le mapodisi a Serule ba ba tshwereng kgang e, go bona gore lekawana le ya go tsewa.
O ne a tlhalosa fa lekawana e rile go tswa kwa ga Rre Kgokong la tshwaratshwara mo Hardware nngwe mo Tonota pele ga le kopana le ene, mme go lebega bokete jwa tiro bo ne jwa mo koba.
Rre Mosimane a re tiragalo e, e tshwanetse go ruta botlhe gore go laela go botlhokwa ka go hema dikgogakgogano.
A re le fa motho a tlogela tiro o tshwanetse go laela go sa kgathalesege gore seemo ke sefe.
Supt Mosimane a re o lemogile gore batho ba ba nnang kwa merakeng ba na le go tsamaya fela mme mohiri a sale a le mo mathateng, go batlwa motho mo go ene.
Rre Mosimane a tlhalosa gore palo ya ba ba tshegeditsweng go thusa ka ditlhotlhomiso e oketsegile go nna masome mabedi le borataro, borre ba le lesome le boferabongwe le bomme ba supa. Rragwe Peter le malomaagwe ke bangwe ba ba tshegeditsweng.
“Ntswa ngwana a bonwe, re santse re na le dikgang di le dintsi le bangwe ba Dimajwe. Ga gona ope yo o tshwanetseng go itseela molao mo diatleng. Re tsile go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le kgang e,” Rre Mosimane a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : DIMAJWE
Event : Potsolotso
Date : 13 Mar 2017






