DCEC e tsibosa morafe wa Etsha 13
08 Mar 2017
Mogolwane go tswa ofising ya Tshenyetso Setshaba le go Gopela Itsholelo (DCEC) ko Maun, Mme Florence Matome o kopile banni ba motse wa Etsha 13 go nna le seabe mo go lwantsheng tshenyetso setshaba.
O buile se mo phuthegong ya kgotla bosheng e e neng e rulagantswe ke ba ofisi e go rutuntsha le go tsibosa morafe ka tshenyetso setshaba. O tlhalositse gore maikaelelo magolo a phuthego e, ke go ruta batho mo dikgaolong ka lekgotla la DCEC le seabe sa motho mongwe le mongwe go lwantsha tshenyetso setshaba.
O ne a tswelela a tlhalosetsa banni fa maikarabelo e le go tlhotlhomisa dipelaelo tsa tshenyetso setshaba, go e thibela le go ruta setshaba ka bosula jwa yone.
Mme Matome o ne a tswelela ka go fa banni dingwe tsa dikai tsa ditiro tse motho a ka lebesiwang molato wa tshenyetso setshaba jaaka go lopa pipamoloma, go fa pipamolomo, go amogela le go solofetsa pipamolomo le tse dingwe tse di amanang le tseo.
O tlhalositse gore motho o ka bonwa molato wa tshenyetso setshaba fa a fa modirelapuso sengwe sa tlhwatlhwa go mo tlhotlheletsa gore a ikgatholose tsamaiso mo tirong.
O ne a gatelela ntlha e ka go fa sekai sa gore fa motsadi a fa modirelapuso mpho go tshwanetse go nna mo mpepeneng gore batho ba itse gore ke ya eng.
O ne gape a tsibosa banni ba fa go le molato gore modirelapuso a amogele sengwe se se tlhwatlhwa se se ka mo rokotsang kgotsa se mo lebogela tlhotlheletso ya gagwe mo maduong a thendara ya lephata lepe fela la puso.
Mme Matome o ne gape a tlhagisa banni ka dikatlholo tse mongwe a ka di lebesiwang fa a na le molato wa tshenyetso setshaba. O ne a re katlholo e e ka nna dingwaga tse di sa feteng lesome kgotsa madi a a sa feteng P500 000 kgotsa dikatlholo tse ka bobedi.
O ne gape a ba tlhalosetsa fa DCEC e ka ba sireleletsa fa ba le malomatsebe. A gatelela ka gore maina a bone ga a tlhokege go bolelelwa lekgotla la ditsheko kwa ntle fela ga go supa fa tshedimosetso e ba e boletseng e le boammaaruri.
Fa ba mo kgwa dikgaba banni ba ne ba lebogela thuto e lekgotla le e le ba neetseng. Ba solofetsa fa ba tlaa inaakanya le ofisi ya DCEC go lwantsha tshenyetso setshaba ka ba re ba na le dikgang dingwe tse ba di lepileng tse di ka tlhokang thuso ya DCEC. Kwa bokhutlong jwa phuthego e, banni ba ne ba newa dibukana tsa lekgotla le go ipalela ka dinako tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboipeelwe Andreck
Location : ETSHA 1
Event : phuthegong ya kgotla
Date : 08 Mar 2017






